Ba kopiwa go lwantsha bogodu
03 Oct 2022
Banni ba Boro mo kgaolong ya Ngamiland ba kopilwe go tla ka maano a a ka thusang go lwantsha bogodu jwa leruo jo bo jwelelang mo kgaolong ya bone.
Kopo eo e dirilwe ke ba komiti ya twantsho borukutlhi mo kgaolong eo, e e eteletsweng pele ke mongwe wa magosi a Maun, Kgosi Babinang Majatsie.
Komiti eo e boloditse letsholo mo metseng go tsaya megopolo ya go fema bogodu jwa leruo.
Erile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Boro, Kgosi Majatsie a re ba tshwenyegile thata ka bogodu jwa leruo, mme se se ngomolang pelo ele bo dirwa ke bana ba mo gae.
A re mekwetjepe e gakatsa bogodu ka mongwe le mongwe jaanong a le mo kgwebong eo. Kgosi are go na le beng bangwe ba dibuchara ba le bone ba kuketsang bogodu ka go reka dinama tsa bogodu.
Mothusa ramapodisi a Maun, Assistant Superintendent Nelson Kelebetse o ne a otlelela mafoko a ga kgosi a supa fa bogodu jwa leruo e le selelo lefatshe ka bophara.
A re puso e simolodisitse KgomoKhumo ka jaana e lemoga fa botshelo jwa Motswana e le kgomo mme bangwe ba tsweletse ka go amoga barui di tsa bone. O kaile fa go na le setlhopha se se dirisanyang le ba dibuchara ka jaana dikgomo di tlhabiwa bosigo.
Asst Supt Kelebetse o kopile banni go loma mapodise tsebe ka ba itse batho ba ba amegang mo ditiragalong tseo, a tlatsa ka gore ga ntwa eo e ka se fenngwe fa ba sa begele mapodise ka dilalome tseo.
A re dilalome tseo di tsenya matshelo le botsogo jwa Batswana mo diphatseng ka ba sa sale melawana ya go tshwara nama sentle pele ga e ka jewa.
Mogokaganyi wa komiti ya twantsho brorukutlhi, constable Kewaone Tlhage o ne a kaya fa Boro a fetogile boremelelo jwa bogodu jwa leruo. O supile fa batswakwa bangwe ba amega mo bogodung joo, are bosheng ba tshwere bangwe ka koloi e tletse dinama. O boletse fa ba romile lekoko go lwantsha kapei ya mekwetjepe ka e rotloetsa bogodu. Are ope yo o apayang mo thoko ga tsela a sena bosupi kana pampitshana e e supang gore o rekile nama kae o tla tseelwa kgato. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : BORO
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 03 Oct 2022