Lekgotla le aba ditsha
02 Oct 2022
Banni ba Salajwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba tlaa abelwa ditsha di le 432 mo go tse 1 615 tse di teng.
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Kweneng, Rre Kgang Kgang o tlhalositse se kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwaretswe kwa motseng oo ka Mosupologo, a re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o kopile gore pele ga ngwaga ono e wela, Batswana ba le 100 000 ba bo ba abetswe ditsha.
Rre Kgang a re go araba kopo ya ga Tautona, lekgotla la kabo ditsha la Kweneng le tlaa aba ditsha di le 11 000 mo kgaolong yotlhe ya Kweneng, a supa fa banni ba Salajwe ba ka kgona go abelwa ditsha gape fa ba ka ikwadisa ka go tlaabo go setse di feta 1 000 fa go se na go ajwa.
Modulasetilo o ngongoregile ka batho ba e a reng ba sena go fiwa masimo go lema, ba bo ba phunya didiba mo go o ne, ba phutha dikgomo go di nosa seo se felele se baka kgotlhang ya leruo le le senyang kwa masimong le go kgothega ga naga.
O tlhalositse fa Batswana ba tsaya khumo ya lefatshe lolea ka yaare ba se na go abelwa ditsha ba di rekise.
Rre Kgang o kopile gape gore fa ba sena go bewa ditsha, ba seka ba ikokeletsa mme ebile fa ba bona bangwe ba dirang jalo, ba bolelele ba ba maleba. O kopile banni go tlhokomela lefatshe ka go sa dira jalo go tlaa baka gore bahumanegi ba oketsege fa bahumi ba humela pele. Rre Kgang a re fa motho a ka kopa setsha a bo a tlhokafala a ise a se bewe, ga a jewe boswa.
Kgosi Moala Gaerupe wa Salajwe a re ditsha di abelwa gore beng ba di tlhabolole ba nne le bonno, e seng go di rekisa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : SALAJWE
Event : Phuthegong ya kgotla
Date : 02 Oct 2022