Puso e simolola letsholo la go fa bana mokento wa COVID-19
02 Oct 2022
Puso e simolotse letsholo la go kentela bana ba dingwaga tse tlhano go ya ko go tse lesome le motso kgatlhanong le bolwetse jwa COVID-19.
Se se builwe ke tona wa Botsogo, Dr Edwin Dikoloti bosheng jaaka a ne a buisa babega dikgang mo Gaborone.
Dr Dikoloti o tlhalositse fa bana ba simolotse go neelwa mokento wa COVID-19 beke tse pedi tse di fitlileng go dirisiwa mokento wa Pfizer.
O ne a tlhalosa fa bolwetse jwa COVID-19 bo sa ntse bo le teng, mme ka jalo a re go botlhokwa gore bana ba tseye mokento gore o nonotshe masole a mmele.
O ne kopa batsadi gore ba letlelele bana ba bone go tseya mokento, a tlatsa ka gore bana ba latlelwa mo dikoleng. A re gape batsadi ba ka isa bana ba bone kwa dikokelong go tsaya mokento.
Fa a tswa la lagwe, mookamedi wa ditirelo tsa Botsogo, Dr Pamela Smith-Lawrence, o ne a re lephata la botsogo ga le na go kwala dikwalo go kopa batsadi gore ba dumele kana ba gane gore bana ba kentiwe.
A re seo se dirwa ke gore mokento wa COVID-19 o tsewa fela jaaka mekento epe e akaretsa ya thibelo malwetse e ngwana mongwe le mongwe a tshwanetseng go e tsaya.
Dr Smith-Lawrence o ne a re puso ya Botswana e itlamile go tsaya dikgato tse di gagametseng go emisa kanamo ya bolwetse jo ka go tlisa mekento e mentsi go ka dirisiwa mme ka jalo a rotloetsa bagolo le bana go tsaya mekento ya COVID-19. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ka Lesedi Thatayamodimo
Location : GABORONE
Event : Phuthego ya babegadikgang
Date : 02 Oct 2022