Breaking News

Kgosi Seretse o boloditse letsema

02 Oct 2022

Balemi kwa Serowe ba rotloeditswe go tlhagafalela go dirisa mananeo a puso a temo thuo ka a ka ba tlodisa melatswana.

Go tlhalosegile fa temo-thuo e ka dira pharologanyo mo matshelong a batho fa ba ka e tsaya ka tlhwaafalo.

A ke mafoko a ga Kgosi Serogola Seretse kwa kgotleng kgolo ya Serowe fa a ne a rebola letsema.

A re go rebolwa ga letsema go raya gore go pegwa le go folosiwa ga manyalo, gammogo le ditsheko go tlaa nama go tswaletswe.

Kgosi Seretse o ne a gakolola balemi go ya go epa disana le go ya go agelela masimo ka gotwe mosele wa pula o epiwa go sa le gale.

A re ke nako ya go ipaakanya gore e re pula e phaila ba bo ba baya ditema.

O ne gape a kopa banni gore ba rapele thata gore lefatshe le tswelele ka go nna le kagiso le thitibalo.

Mo potsolotsong morago ga go rebolwa ga letsema, banni bangwe ba ne ba tlhalosa fa ba itumetse ka gore kgosi o rebotse letsema gore batho ba ye masimo go ipaakanya.

Ba boletse fa ba ya go betla dikei le go baakanya megoma nako e santse e le teng.

Mongwe wa bone, Rre Legae Modimoosi, a re letsema le rebotswe ka nako ee siameng, mme a gakolola batho go ya masimo go ya go kgaola makabu.

O ne a kopa banni go rapela gore pula e phaile ka bonako dinamanyane di ise di motwe ke leuba.

Mme Segamo Modukanele le ene o ne a supa boitumelo, a tlatsa ka go leboga Kgosi Seretse go bo a simolodisitse letsema.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE -

Event : phuthego ya kgotla

Date : 02 Oct 2022