Bodiredi bo a imelwa - banni
02 Oct 2022
Banni ba Makwate le Kudumatse ba re bodiredi jwa dikokelo kwa metseng eo bo imelwa ke tiro ka dipalo tsa batho di oketsegile.
Ba supile se mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Rre Yandani Boko bosheng.
Fa a rola pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Makwate, Mme Katerena Thomane, o boletse fa baoki kwa motseng wa bone ba le babedi fela mme motse o setse o godile ka jalo ba imelwa ke tiro.
A seemo se se tlhoka go tsibogelwa gore banni ba bone thuso sentle.
Mme Thomane o supile fa sekole se se potlana sa Mmuabi se godile, ka jalo go botlhokwa go itebaganya le letlhoko la diofisi tsa barutabana le matlwana a boitlhomelo.
O ne a tlhalosa fa barutabana le bone ba tlhaela mme se se ama thuto.
Modulasetilo Thomane a re badiri ba sepodisi ba a tlhaela, a tlatsa ka gore ga ba na koloi.
Mopalamente Boko o ne a tlhalosa fa kgang ya kokelo e builwe le lephata la botsogo mme a solofela gore go tla a nna le phetogo.
A re o tlaa tswelela ka go kwalela lekgotla la kabo ditsha gore le itebaganye le matshwenyego a banni.
O ne a ama gape kgang ya batho ba ba nyelelang mme a tsibosa banni gore ditlamorago tsa fa motho a fitlhelwa a amega mo go nyeleleng ga yo mongwe di se monate.
Mo dikakgelong, mongwe wa banni, Mme Pifelo Tsholofelo o ne a kopa gore ditiro tsa ditlhabololo di dirwe ka tekatekano.
Mme Tsholofelo o ne a supa gore metsi aa tswang mo didibeng a ka tswa a se phepa.
Banni bangwe bone ba re diphetogo tsa ba kabo ditsha di ba tlhakanya tlhogo ka ba tlamega go ya Francistown kana Gaborone go dira tse di tshwanentseng, selo se ba reng se turu e bile se a ba kgarakgatsha,.
Ba ne gape ba kopa gore e re ba santse ba emetse go sielwa metsi a a siameng ba okelediwe ditanka tsa metsi ka gore a ba tsenya dingalo motshegare.
Mokhanselara wa Makwate, Rre Mooketsi Maiketso, a re o lemogile gore banni ba motse ba bereka ka bongwe ka bongwe a supa fa tshwaragano e ka ba isa golo gongwe.
O ne a solofetsa banni gore matshwenyego a bone a tlaa rolelwa maphata a a lebanyeng.
Kwa Kudumatse, banni ba re ba tshwenngwa ke bogodu jwa leruo mme ba ikopa gore ba tsisediwe lenaneo la kgomo khumo la sepodise go ba tswa thuso.
Mo pegong ya gagwe, mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa motse, Rre Keineetse Kebatlogetse, a re ba tshwenngwa ke seemo se se sa iketlang sa motlakase mme a kopa gore ba thusiwe ka thulaganyo ya motlakase wa marang a letsatsi.
A re kwa sekoleng se se potlana ga gona didirisiwa a supa fa sekole le sone se setse se onetse.
A re mantlo a borutelo le a borobalo a a tlhaela kwa sekoleng se segolwane.
Rre Kebatlogetse a re dipilisi le melemo ga di yo kwa kokelwaneng ya bone mme se se beile matshelo a banni mo diphatseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : MAKWATE
Event : Diphuthego tsa kgotla
Date : 02 Oct 2022