Go botlhokwa go somarela botshelo
01 Oct 2022
Morafe wa Pilane o akgoletswe go lwantsha segajaja sa COVID-19.
Mokhanaselara wa Pilane, Rre Goitsemodimo Pitse o rotloeditse baagi ba Pilane go tswelela ba dira ka gotlhe go sireletsa matshelo a bone kgatlhanong le segajaja sa COVID-19
O buile le jalo ka letsatsi la go ipelela moletlo wa Boipuso kwa kgotleng ya Pilane. A re le fa maiteko a tsweletse a go ntsha Batswana mo segajajeng sa COVID-19, se se tshwenyang bobe ke go bona batho ba tsweletse ba latlhegelwa ke matshelo ka dikotsi tsa tsela, dipolaano le go ikgapela matshelo.
Ka jalo, Rre Pitse a re go ngomola pelo go bona e re tshaba e nyelediwa ke malwetse jaaka COVID-19, seemo se bo se gakadiwa ke ba ba tsweletseng ka go gapa matshelo a ba bangwe.
Le fa morafe wa Pilane o ne wa nna boutsana go tsena moletlo wa Boipuso kwa kgotleng ya motse oo, mokhanaselara Pitse a re o leboga le ba ba ipelelang mo malwapeng ka mekgwa e farologanyeng.
A re go ne go se motlhofo go rulaganyetsa moletlo wa Boipuso ntateng ya tlhaelo ya madi. Le fa go ntse jalo, Rre Pitse a re ba kgonne ka thuso ya dikhamphane tse di mo Pilane, bagwebi ka go farologana le morafe.
E rile a rolela morafe molaetsa wa ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi, mogolo wa motse, Mme Theresa Kobedi, a supa fa letsatsi la Boipuso le na le sekao mo matshelong a Batswana, ka jalo go le botlhokwa gore morafe o kokoane mo kgotleng go ipelelela katlego gareng ga tse dingwe tse di molemo.
Mme Kobedi a re kgwedi ya Lwetse ke kgwedi ya merapelo e maikaelelo a yone e leng go rotloetsa setshaba go lwantsha dikgwetlho tse di apereng lefatshe jaaka bolwetse jwa AIDS le mogare wa HIV.
Ka jalo, Mme Kobedi a re morafe o seka wa lebala maitlamo a go lwantsha dikgwetlho tse le gore ka letsatsi la Boipuso ba ntshafatse maitlamo a go tswelela ba lwantsha dikgwetlho tse di tsweletseng di akaretsa le segajaja sa COVID-19.
O tsweletse a supa gore dingwe tsa dikgang tse di tshwenyang ke kgokgontsho mo malwapeng, tiriso ya ditagi, borukuthi jo bo golelang pele e bile go dirisiwa dikgoka, dipolaano, go ikgapela matshelo le go bolaya batho bosetlhogo bangwe ba gopelwa dikarolo dingwe tsa mebele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : PILANE
Event : Ipelelo Boipuso
Date : 01 Oct 2022
Related News
29 Apr 2025
Tona o akgola BAGS
29 Apr 2025
Ngwana o thudilwe ke koloi
28 Apr 2025
Maranyane a tlhabolola itsholelo le matshelo
27 Apr 2025