Breaking News

Batswana ba ipelela boipuso

29 Sep 2022

Go ne go le loshalaba le legolo kwa National Stadium ka Labone maitseboa jaaka boidiidi jwa batho bo ne kgobokanetse kwa maitisong a go ipaakanyetsa go  ipelela dingwaga tse masome a matlhano le borataro lefatshe la Botswana le ntse le ipusa.

Ga reng ga ba baneng ba tsene moletlo oo, ene le Tautona Dr Mokgweetsi Masisi le mohumagadi Neo, Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane, Tona Tumiso Rakgare le bagolwane ba bangwe.

Ditlhopha tsa mmino wa Setso, ditlhopha tsa sesole, sepodise, le ba dikgolegelo e ne ele nngwe ya tse di neng di ntefisa maitiso.

Mo potsolotsong, mongwe wa ba ba neng ba tsene maitiso a, Neo Sefo o tlhalositse fa a itumeletse go bona Batswana ba tlile ka dipalo tse di kwa godimo a supa fa se ele go supa tlotlo le lerato mo lefatsheng la bone.

Se se mo itumedisitseng ke go bona mmino jaaka setapa,Polka,dikhwaere ,seperu le mmino e mengwe e e neng e supa dingwaga tsa rona re le Batswana. Se o rile ke thuto le mo baneng go bona gore ga se borankana fela jo re itsegeng ka jone.

lefika Botlhole ene yo o dingwaga tse masome a mabedi ene okaile fa a itumeletse go bona Tautona Masisi a tsile go ipela le bone mme a supa gape setshwantsho sa motshikinyego se se neng se supa loeto lwa lefatshe la Botswana go simolola ka ngwaga wa 1996 go fitlhelela gompieno se mo rutile ditso tsa lefatshe le gagwe le one mehama e farologanyeng e dirileng pharologanyo go simolola ka 1996 ka nako e Botswana e le mangwe a a neng itsholelo e e ko tlase.

Se se itumedisitseng gape ke gone go bona ba itshireletso jaaka ba tsibosa setshaba ka kgokgontsho ya bomme, le gone go opela dipina tse di supang lerato le tlotlo.

Bana ba ne ba tsile ka dipalo tse di kwa godimo go tla go bona bontle jwa fireworks tse dineng di bonesitse loapi mo toropong kgolo ya Gaborone le metse e mabapi jaaka Tlokweng. BOPA

 

Source : BOPA

Author : Bakang Wren

Location : Gaborone

Event : independence eve celebration

Date : 29 Sep 2022