Kotsi ya tsela e gapile matshelo
28 Sep 2022
Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone batho ba le bane ba tlhokafetseng morago ga gore khombi e ba neng ba e pagame e pitikologe, dikhilomithara tse tlhano go tswa kwa Pallaroad go ya ntlheng ya bokone.
Fa a bua mo potsolosong ka Mosupologo, Assistant Superintendent Sheila Bakwena yo e leng lepodisi la tsa Pharakano kwa Mahalapye, o supile fa kotsi e, e diragetse ka Labotlhano morago ga nako ya bone maitseboa.
Bone jo bo tlhokafetseng jo, a re ke borre ba le bararo le mme a le mongwe.
Assistant Superintendent Bakwena a re go ya ka ditlhotlhomiso tse di santseng di tsweletse, kotsi e e diragetse morago ga gore mokgweetsi, yo o dingwaga di 39, a latlhegelwe ke taolo ya khombi morago ga gore leotwana la yone le le kwa morago mo molemeng le oboge thaere mosepele o ntse o tsweletse.
Khombi e, Assistant Superintendent Bakwena, a re e ne e pegile batho ba le 16 go balelwa le mokgweetsi ba tswa kwa Moshupa ba ya lenyalong kwa Tonota.
Ba supa, go balelwa le mokgweetsi, ba ne ba ragosediwa kwa kokelong ya Mahalapye ka ba ne ba bone dikgobalo tse di masisi, mme ba santse ba robaditswe teng le gompieno.
A re bapagami ba le batlhano ba ne ba falola ka dikgobalo tse dipotlana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : Dikotsi tsa tsela
Date : 28 Sep 2022