Breaking News

Ba Serowe Borwa ba gana go gaisiwa

28 Sep 2022

E re ntswa metse e sa fiwa madi a go ipelela boipuso jaaka tlwaelo, seo ga se a kgoba marapo banni ba kgaolo ya Serowe Borwa jaaka ba ile ba ikanapa gore ba ipelele boipuso jwa monongwana kwa mafelong a a farologanyeng.  

Goriana go se mphete ke go fete mo metseng e e mo kgaolong-potlana ya Serowe jaaka banni ba ipaakanyetsa go ipelela boipuso jwa masome a matlhano.  

Mo potsolotsong mokwaledi kwa ofising ya ga Mopalamente Leepetswe Lesedi, Rre Boysie Lekgowe o ne a re letsatsi le, le na le bokao mo setchabeng ka le supa kwa lefatsheng leno le tswang teng, diphithelelo, kwa le yang teng fa le sale le tswa mo ketelelong pele ya ga Mmamosadinyana.

A re kwa masimong a Segakwana balemi-barui ba tlaa bo ba aja tlhako, lerole le beta mokodue. 

Ba laleditse mogolwane wa pele yoo o neng a okametse lephata la temo-thuo mo mhameng wa dijalo, Rre Galeitsiwe Ramokapane.

Ba solofetse gore a tle a rotloetse balemi ka temo e e lolameng gore ba ntshe dijo tse di lekaneng mo Botswana go lesa go ikaega ka mafatshe a mangwe.

Mopalamente wa Serowe Borwa le ene o solofetswe go nna teng, maikaelelo e le go rotloetsa balemi-barui go nna seopo sengwe le go itsane mo thoteng.

Monana kwa masimong a Dithojane, Rre Emmanuel Maseke o rulagantse Dithojwane Independence Extravaganza, e maikaelelo a yone e tlaa bong e le go tsosolosa tsa metshameko le ngwao le dikgwebo mo masimong a bone.

Ka letsatsi la teng go tlaa bo go supiwa di-tswa tshimong, metshameko ya kgwele ya dinao gape go na le fa bananyana ba tshamekelang teng.

Rre Masake o boletse fa tiro eo e le gone go kopanya balemi ba masimo ao ka ba ntse ba sa itsane. 

O dira tiro ka boithaopo a thusiwa ke ba ofisi ya mopalamente wa Serowe Borwa.

Ntswa dikgaolo di tlaa bo di keteka, mo Serowe go tlaa seke go nne le boipelo ka ba tlhalosa ba sena madi a go dira mokete oo. 

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo e e okametseng dikomiti tse dingwe tsa motse, Rre Teko Thokweng o boletse fa go ne ga seka ga nna le komiti ya boipuso jaaka gale mme ba bona gore ba lese ka go kopa dithuso.

A re go tlaa bo go na le metshameko ya phadisanyo ya kgwele ya dinao le badiragatsi ba mmino kwa lebaleng la metshameko la Serowe.   BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 28 Sep 2022