Ponego ke kgosana ya Shageng
27 Sep 2022
E rile ka Labotlhano Kgosi Seiso Ponego a tlhongwa kgosi ya kgotlana ya Shageng kwa Letlhakeng ka Labotlhano.
Kgotla e, e ne e eteletswe pele ke Kgosi Neelo Ponego pele, mme ya re sehularong sa gagwe ya etelelwa pele ke Kgosi Olebogeng Harry yo le ene a sa tlholeng a le mo botshelong.
Rre Oscar Merule o ne a supa fa Kgosi Ponego a tswa mo lwapeng la ga Harry, yo a neng a tsetswe ke Komoki, Komoki a tsetswe ke Motshabi, Motshabi a tsetswe ke Mantswemabe, Mantswemabe a tsetswe ke Khudu.
O supile gape fa lwapa lwa ga Mma Harry e ne e le la boraro la ga Mantswemabe, yo a neng a nyetse basadi ba le batlhano.
Kgosi Ramohibidu Moselesele wa kgotla ya Mokwele kwa Letlhakeng o ne a kopa batsadi ba kgotla ya Shageng go roma Kgosi ya bone, le go mo tlotla.
Fa a itebaganya le kgosi Ponego o ne a mo kopa gore a seka a nna le makgamu a itse gore morafe wa gagwe ke batho ba gagwe botlhe.
Kgosi Mositakgang Tsheboyagae o ne a supa fa go le monate go bua le Kgosi Ponego ka jaana a itse lefoko la Modimo.
O mo kopile go ikanya Modimo ka dinako tsotlhe gore a tle a mo sireletse mo sengweng le sengwe.
Kgosi Tsheboyagae o ne a supa fa lefoko la Modimo le tlhalosa gore tlotla kgosi boifa Modimo, a kopa kgosi go bopaganya morafe wa gagwe.
Kgosi Segomotso Puleng wa kgotla ya Molehele o ne a kopa kgosi Ponego go leboga Modimo ka thomo e a e mo neetseng, a supa gore fa Modimo a ne a beile batho ba ba utlwang fela o kabo a sena batho ba a ba busang.
O mo gakolotse gape fa a tlhomilwe go nna seipone, a bo a supa fa dilo tse dintle di tshwanetse go bonelwa mo go ene.
Fa a amogela thomo, Kgosi Ponego o ne a supa fa e le motho yo o ratang tiro, a bo a supa fa go tlaa bo go le thona gore e re a emetse morafe a bo a lofela tiro.
O tlhalositse fa a itse gore o berekela Modimo, ka jalo a tshwanetse go tlhamalala mo go se a se dirang, a supa gore kwa phelelong ya botshelo a tshwanetse go arabela tsotlhe tse a di dirileng kwa Modimong.
Kgosi Ponego o ne a tlhalosa fa a kopa Modimo gore a mo thuse a seka a fetoga mo maikaelelong le botho jwa gagwe.
Mogolwane go tswa kwa Kgosi Sechele I Museum kwa Molepolole, Rre Tumelo Thuthuka o ne a supa fa maikaelelo a bone e le go rotloetsa le go somarela ngwao le ditso tsa Kweneng.
O tlhalositse gape fa ba itumelela go tlhongwa ga ga Kgosi Ponego, a bo a mo kopa go ikanya Modimo.
Fa a afa malebo, mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakeng Bokone, Rre Gontshofetse Moketo o ne a kopa morafe gore fa kgosi a ba biletsa phuthego ba tle fela jaaka ba bidiwa ke mopalamente. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKANE
Event : Peo ya Kgosi
Date : 27 Sep 2022