Breaking News

A go lebogwe ba ba diretseng sechaba

27 Sep 2022

Batswana ba ba diretseng setshaba ka botswapelo le boineelo, ba tshwanelwa ke go lebogwa le go fiwa tlotla.

Se se supilwe ke banni ba kgotla ya White City kwa Mahalapye, jaaka fa ba ne ba diretse leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) ya Botala-tlhoma, Mme Obolokile

Monageng, moletlo ka Labotlhano, go mo leboga le go mo tsamaisa sentle morago ga go direla komiti dingwaga di le lesome le boferabobedi. Mopalamente wa pele, Mme Botlogile

Tshireletso a re puso e nosediwa ke dikomiti le maphata otlhe a a tlhabololang metse. Mme Tshireletso a re komiti ya ditlhabololo tsa motse e na le tiro e ntsi e e e lebaganeng le ntswa batho ba sa lemoge.

O tlhalositse fa puso e lebetse kwa pele, a re kwa tshimologong ya boipuso jwa lefatshe leno, go ne ga tlhangwa di VDC tse maloko a tsone a neng a sa atswewe ka sepe e le baithaopi mme a supa fa e le bone ba neng ba nyoretswe ditlhabololo, ba aga dikole le dikgotla.

A re VDC e tsweletse go fitlha le gompieno mme dikatsonyana tse ba di fiwang ga se tsa sepe ka ba boa ba di dirisa go dira ditiro tsa motse. Mme Tshireletso a re VDC ke yone modi wa ditlhabololo tsa lefatshe a bo a supa gore ‘fa leloko la VDC le nyadiwa, go a bo go nyadiwa goromente ka gore VDC e agwa ka kgosi, mokhanselara le baeteledipele mo motseng’.

O tlhalositse fa tiro e tona ya komiti ya ditlhabololo tsa motse e le go dira madi a a thusang setshaba ka ditsela tse di farologaneng. A re ka maswabi, di VDC tse dingwe di emela madi go tswa mo pusong mme a rurifatsa fa ya Botala-tlhoma yone e sa dire jalo.

Go le pele, a re komiti e ne e itebagantse le batho ba ba dikobo dikhutshwane, mme mo nakong ya gompieno e tlhabolola motse ga mmogo le banni. Mme Tshireletso o eleleditse Mme Monageng masego le matlhogonolo, a bo a mo rotloetsa gore a tswelele a ntse a gakolola maloko a a tswang kwa tlase.Mookamedi wa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse wa

Mahalapye, Rre Boniface Disho o kaile fa leloko la VDC e le motho yo dikakanyo le maikaelelo a gagwe di itebagantseng le motho.

A re ditiro tsa go tshwana le go leboga bagaka e tshwanetse gore e nne ditso tse e tlaa reng kamoso a bo batho ba tsamaya ba di setse morago.

Rre Disho o supile gape fa badiri ba pele ba ba rutile gore tiro ya VDC e tona thata ga se e e ka nyenyafadiwang.

O kgothaditse maloko a VDC gore ba ithute go nna barongwa ba boammaaruri, ba ba kgathalang ka dikeletso le matshelo a batho.

Mookamedi wa pele wa dikomiti tsa ditlhabolo tsa motse wa Mahalapye, Mme Baareng Raphane o kaile Mme Monageng e le kakapa, senatla, a re o ne a seke a ineela mo go sepe se a se dirang.

“Batho ba leba tiro ya VDC e le gore ba ba tsenang mo go yone ba e tsena e le batlhoki, ba ya go bereka Ipelegeng mme tiro ya yone ke go direla setshaba,,” ga tlhalosa Mme

Raphane. O supile fa leobo la kgotla ya White City le agilwe ke banni ba kgotla ka fa tlase ga taolo ya ga Mme Monageng.
Mme Raphane o rotloeditse Mme Monageng gore a seka a inyatsa ka gore o dirile go le gontsi, a bo a leboga batho ba Botala-tlhoma ka gore ba kgonne go lemoga yo o kileng a ba goga.

Mogokaganyi wa moletlo o, molaodi wa kgaolo-potlana ya Palapye e bile a kile a bereka le Mme Monageng, Rre Goabaone Ntapu o supile boitumelo ka tiro e Mme Monageng a e diretseng kgaolo. “Fa re santse re na le batho ba ba kgonang go arogana nako ya bone le setshaba, motho yo o itseng batho, a tsenya letsogo mo ditirong tsa batho, re tshwanetse gore re ba lemoge,” Rre Ntapu a supa.

Mme Monageng o supile gore fa motho a le mo fa tirong ya VDCo a bo o raletse dikgwetlho tsa batho.

“Leloko la VDC le tshwanetse go nna pelontle, boitshwaro le mowa wa go thusa batho. Re ne re itshokile fela re direla batho, le ntswa re ne re sa amogele sepe” Mme Monageng a tlhalosa.

A re o berekile maemo a bodulasetilo jwa VDC le a mothusa modulasetilo, mme a sa nyatse ba a berekang le bone. O leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo go mo direleng moletlo, mme a kopa gore go tswelele le mo go ba bangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : MAHALAPYE

Event : Moletlo

Date : 27 Sep 2022