Re okeletseng mapalamente - morafe wa Werda
26 Sep 2022
Banni ba Werda ba kopile gore kgaolo ya Kgalagadi Borwa e nne le mapalamente a mabedi go thusa go tlhofofatsa go isa ditlamelo kwa bathong.
Fa ba ntsha megopolo ya bone, banni ba metse ya Draihoek, Makopong, Werda, Kokotsha le Bray mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le sekasekang melelwane ya dikgaolo tsa bopalamente bosheng kwa kgotleng ya Werda, ba ne ba supa fa moemedi a le mongwe a ketefalelwa ke tiro ka jaana kgaolo e le bophara, ditsela di sa tsamaege, metse e katologanye mme go se bonolo go lekola banni.
Banni ba ne ba supa fa palo batho ya kgaolo eo ya ngwaga ono e supile fa batho ba le 35 378 mme e ba beile ka fa mosing ka e sa fitlhelele seelo se se beilweng sa 41 396.
Moemedi go tswa kwa Makopong e bile e le mokhanselara wa pele, Rre Kotloemang Matswiri o ne a supa fa mopalamente a le mongwe a sa kgone go tsibogela matshwenyego a bone le gone go tswa ka ditharabololo mabapi le letlhoko la ditlhabololo.
E re le ntswa bangwe ba ne ba eletsa gore leina la Kgalagadi ka le ba nyenyafatsa le fetolwe go bidiwa Molopo, Rre Matswiri o ne a supa fa bone e le ba Werda le metse e e mabapi ba se kgatlhanong le leina leo mme fela ba eletsa gore kgaolo e Kgaoganngwe ga bedi go simolola ka Omaweneno go fitlha kwa Boshoek leina e le Kgalagadi Central mme go simolola kwa Maleshe go fitlha kwa Two Rivers ba eletsa go ka dirisiwa leina le le ntseng le le teng la Kgalagadi Borwa.
Go le pele fa a ntsha pego, mothusa modulasetilo wa lekoko leo, Rre Thebeyame Tsimako o ne a tlhalosa fa dikgaolo di kgaoganngwa go sa lebelelwa palo ya batho fela mme go lebelelwa tse dingwe di akaretsa ditlhaeletsanyo, puo, ngwao le dikgwetlho tse di leng teng mo kgaolong jaaka bophara, ditsela tse di sa tsamaegeng, ditotoma tsa mmu, dithaba le tse dingwe tse di ka kgoreletsang mopalamente go lekola ba ba mo romileng ka fa go tshwanetseng ka teng.
Fa a ntsha la gagwe, mopalamente wa Kgalagadi Borwa e e nang le metse e le masome mabedi le botlhano, Rre Samuel Brooks o ne a iteela kobo moroko mafoko a banni, a supa fa kgaolo eo e tlhokana le baemedi ba le babedi ka e le bophara e bile e le sekaka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : WERDA
Event : Phuthego
Date : 26 Sep 2022