Letsema le thata ka mong
26 Sep 2022
Tona mo ofising ya ga Tautona, Rre Kabo Morwaeng o akgoletse boora Sune go bo ba kgonne go aga leobo la kgotla le ofisi ka mowa wa boipelego.
Rre Morwaeng yo gape e leng mopalamente wa Molepolole Borwa, o buile o ne a le kwa moletlong wa pulo semmuso wa leobo leo kwa kgotleng yoora Sune bosheng.
Kgotla yoora Sune e ka fa tlase ga kgotla e tona ya goo Ntloedibe e yone e welang ka fa tlase ga kgaolo ya botlhophi ya Molepolole Borwa.
Rre Morwaeng a re Basune ba supile mowa wa boipelego, ka e ne ya re ba lemoga go se motlhofo go bona yo o ka ba agelang leobo ba ema ka dinao ba dira tiro ka bobone, ka go twe setlogelwa tsatsing se ikisa meriting.
A re kgotla e na le bokao jo botona mo motheong wa ngwao ya Setswana, a tlatsa ka go re kgotla ke thulaganyo ya Modimo ka fa e seo motse ga o yo.
Ka jalo, o kaile fa tiro e e dirilweng ke Basune e le tsela nngwe ya go babalela ngwao ya Setswana.
O bile a gatelela gore go a supagala gore bomme le borre ba kgotla eo ke batho ba ba nonofileng mo ditlhaloganyong.
O iteetse boora Sune legofi, a supa fa ba nnile sekao, e bile ba ka nowa moro.
A re mo kgotleng ke gone kwa merero le dikgang dipe fela di akaretsa ditlhabololo, di buiwang teng ka gore kgotla ke yone e e bopaganyang setshaba.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Kgari III wa Bakwena le ene o ne a iteela kobo moroko mafoko a ga mopalamente, a tlhalosa fa boora Sune e le sekao mo morafeng ka kakaretso ka gore ba kgonne se se paletseng ba le bantsi.
Kgosi Kgari III o ne a ba lebogela go bo ba ikagetse leobo le ofisi, ba bo ba tsenya motlakase, dilo tse a tlhalositseng fa di lopa madi, a tlatsa ka go re ba ne ba sa dire ka madi fela le ka diatla ba ne ba dira.
A re go a tshwanela gore boora Sune ba akgolwe, a ba rotloetsa gore ba tswelele ka mowa oo wa boipelego ba bo ba tshegetse dilo tse di ba fang bokao e le Batswana.
Mogokaganyi wa tiro ya go aga leobo le, Rre Segolame Lebang o tlhalositse gore e ne ya re fa ba nna le dikakanyo tsa go aga leobo, ba ne ba tshwaraganetse tiro eo le Kgosi Morula Gaosegelwe.
A re Kgosi Gaosegelwe o ne a ntsha taelo ya gore ba ipelege.
Rre Lebang a re ba kgonne go dira tiro eo ka go kopa dithuso kwa le kwa.
A re ba rotloeditswe ke Mopalamente Morwaeng ka go ntsha madi go felelediwa borulelo, dikhamphani ka go farologana di tshwana le banka ya Gaborone le Access le tsone di tsentse letsogo.
Tse dingwe ke Builders World, Caltex, Delta, Super Spar le Lemepe Lodge.
O tlhalositse gape gore bannabagolo le basadibagolo ba ne ba ntsha lemme la bone la madi a bagodi fa banana ba kgotla ba ne ba ithaopa go koleka ditena ba bo ba tshwara ka matsogo ba aga leobo le ofisi.
Kwa bofelong Rre Lebang a re ba ithutile gore boipelego go tewa eng, a kgothatsa dikgosana tsa dikgotla tse dingwe go tla go tsaya malebela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : moletlo
Date : 26 Sep 2022