Go fa bomme le barweetsana kitso go botlhokwa
26 Sep 2022
Motlhami wa mokgatlho wa Bomme le Barweetsana, Mme Oageletse Keatholetswe a re go fa bomme maele a botshelo ke selo se se botlhokwa ka mme a nonofetse go ka etelela lelwapa le setshaba pele.
Maloko a mokgatlho o, a ne a kopane ka Matlhatso kwa pitsong e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Dithojane kwa Serowe, ka maikaelelo a go arogana maele a botshelo.
Mme Keatholetswe a re go tlhama mokgatlho o, e ne e le go godisa, go ruta bomme le barweetsana ka dikgang tsa botsogo le gore ba ka tswelela jang mo matshelong ntle le go baya fela mo tirong.
A re mokgatlho o leka gape go nonotsha bomme le barweetsana le go ba ruta go tshela botshelo jo bo nonofileng ba sena malwetse ka ba dumela gore mme ke motho yo o nonofileng e bile a le botlhale.
Mme Keatholetswe a re ba dumela gore mme e ka nna moeteledipele yo o sa tlhaoleng e bile a sa gatake tshwanelo ya ga ope ka dinao.
A re bontsi jwa bomme ba tlhokometse malwapa ba le bosi, ke ka moo mokgatlho o eletsang go godisa morweetsana yo o nang le boikarabelo e bile a kgona go ikemela mo diemong tse a kopanang le tsone mo ditirong tsa letsatsi le letsatsi ba sa tshabe sepe.
Mme Keatholetswe a re dipalo tsa bomme mo lefatsheng di feta tsa borre mo e leng gore fa bomme ba kopana, ba emana nokeng, ba ka tswelela mo botshelong.
O kaile fa bontsi jwa bomme ba ba amegang mo kgokgontshong ya bong e le ba ba sa berekeng, ba beile matshelo a bone mo go borre ba ba tshelang le bone mme a kgothatsa bomme go ikemela ka dinao.
A re bomme le barweetsana fa ba rutwa ka maele a botshelo ba sa le babotlana le go dirisa ditalente tsa bone go itshetsa, kgokgontsho e ka fokotsega.
Mongwe wa ba tla pitsong, Dr Onkgopotse Oduetse yo o direlang kwa kokelong ya Sekgoma o tsibositse bomme le barweetsana ka kankere ya molomo wa popelo, a ba kopa go nna ba tlhatlhobela kankere eo ka e le borai fa e ka fitlhelwa e setse e ikadile mo mmeleng.
O ba rotloeditse gape go tsaya matshelo a bone ka tlhoafalo gore ba kgone go tlhokomela malwapa a bone.
A re mme fa a sa tsoga, sengwe le sengwe se a tlhakatlhakana mo lwapeng ka ke ene motlamedi wa lelwapa.
O kaile fa mme a kgona go tshwenyega ka botsogo jwa ba lwapa la gagwe, a lebala gore le ene ke motho o tshwanetse go itlhatlhoba gore go lemogwe ka nako fa a sa tsoga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : SEROWE
Event : Pitso
Date : 26 Sep 2022