Breaking News

Mokhanselara o lebogetse dikereke go thusa go aga tshaba

26 Sep 2022

Dikereke di lebogetswe seabe sa tsone mo go fetoleng boitsholo jwa batho le go rotloetsa botsalano jwa bone le Modimo.

Modulasetilo wa Khansele ya Bokone Botlhaba, yo gape e leng mokhanselara wa Nlapkhwane/Mapoka, Rre Farayi Bonyongo, o buile jaana fa a tswala semmuso kgwedi ya merapelo kwa Tshesebe ka Tshipi.

Rre Bonyongo a re baruti le balatedi ba dikereke ba tshwanetse go itse fa Modimo a ba tlhophile go nna lesedi la lefatshe, e bile mebele ya bone e le tempele ya Modimo. Ka jalo, a ba kgothatsa gore ba seka ba amana le kgethololo, go bifela batho go ya ka letso, mmala, popego, botsogo le ditumelo.

A re manokonoko a malwetse a HIV/AIDS le COVID-19, a gwetlha batho go ema mo thapelong gore mautlwelobotlhoko a Modimo a iponagatse.

Tirelo eo, e ne e tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng; Kagiso le Tshegofatso: Dineo tsa Modimo tsa Letlotlo la Botsogo.

Rre Bonyono yo gape e leng moruti wa kereke ya Head Mountain of God Apostolic Church in Zion, a re setlhogo seo se gwetlha dikereke, baeteledipele ba sepolotiki, morafe le batho ka bongwe ka bongwe, go rapela kgatlhanong le matlhoko ao.

A re puso e dule ka methale e le mmalwa ya go leka go thibela le go lwantsha malwetse le yone kgokgontsho ya bong tota, mme go mo maruding a setshaba go fetola maitsholo mo go tsa tlhakanelo dikobo.

Rre Bonyongo a re kgokgontsho ya bong le ya bana le tiriso ya bana botlhaswa mo tlhakanelong dikobo di tshwanetse go ilwa lebaibai.

Fa a lekodisa ka seemo sa HIV/AIDS, Rre Bonyongo o ne a tlhalosa fa bomme ba amega bobe, a re seo se ka tswa se bakwa ke gore ba hekeediwa ke borre fa go buisanngwa ka tsa itshireletso.

A re o itumedisiwa ke go bo lenaneo la go thibela mogare go tswa mo go mmangwana go ya loseeng le dira sentle mo kgaolong.

O ne a kopa badumedi go nna ba rotloetsa batho go tsaya dipilisi tse di ritibatsang HIV ka fa tshwanelong, le go tsibogela diemo tse ba di bonang mo tikologong ka bofefo.

Moruti Moses Maloiso wa Noah Church of Christ, gape e le modulasetilo wa komiti ya baruti ba Tshesebe, o ne a supa fa kgwedi ya Lwetse e le e e faphegileng mo ditsong tsa

Botswana, ka jaana lefatshe leno le bone boitumelo jwa go tsaya boipuso mo go yone, mme gape e tlhomilwe go nna ya thapelo.

A re go tswalwa semmuso ga kgwedi ya thapelo ga go emise go rapela, a kgothatsa batho go tswelela ba itsetsepetse ka thapelo.

Fa a latlhela la gagwe, Bishop Lusati Lesetedi wa St John Apostolic Faith Mission of Botswana, o ne a bolela fa boikokobetso, go rapela le go nna le tumelo, go ka thusa gore lefatshe le fodisiwe.

O bile a rotloetsa ba-tsena tirelo eo go tlotla baeteledipele ba motse le ba lefatshe ka kakaretso, a re ba itse fa go ikokobetsa go ka dira gore Modimo a ba tsholetse.

Mokhanselara wa Tshesebe, Rre Smarts Mathonsi o ne a lebogela botlhe go tsaya matsapa a go tsena tirelo eo.

A re ba nne ba akaretsa seru se se sa tswang go wela tikologo eo, sa bolwetse jwa Tlhako le Molomo mo dithapelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : TSHESEBE

Event : Tswalo semmuso

Date : 26 Sep 2022