Breaking News

A re ithuteng go tshela le diphologolo

26 Sep 2022

Mogolwane wa tlhokomelo diphologolo kwa lefelong la diphologolo la Khutse gaufi le Kaudwane o kopile banni ba motse oo go ithuta go tshela le diphologolo.

E rile a bua kwa phuthegong e e neng e biditswe ke Mopalamente Tshoganetso Leuwe ka Labone, Rre Motlhanka Gami a supa fa diphapang gareng ga motho le phologolo e tswa goo Lowe mme go tshwanetse ga nna le tsela e di ka tshelang mmogo ka yone.

O ne a ba kopa go emisa go kgaola tereta ya diphologolo ka go dira jalo go baka gore dibatana di ba jele leruo.

Rre Gami a re fa terata e kgaotswe, dikgomo di felela di tsena mo lefelong la diphologolo kana ditau di tswela kwa ntle ga yone.

“Tsela e nngwe fela fela. A re  emiseng go kgaola terata jaaka re tle re lemoge kwa morago gore terata e kgaotswe golo gongwe mme go lebega bangwe ba loba,” Rre Gami a supa.

A re lephata la diphologolo le lebaganwe ke kgwetlho e tona ya go baakanya terata eo mme sebe sa phiri ke gore ditlou di e senya nako le nako, selo se a reng se busetsa morago maiteko a bone a go kganela diphologolo go senya mo metseng, bogolo jang ka e bile go le turu go baakanya terata eo.

O ne a supa fa go le thata go laola ditlou ka di sa lebele sepe se se fa pele ga tsone. Rre Gami a re tlou ka e le phologolo e tona, terata ga se sepe mo go yone.

A re terata eo, e ne e dirilwe e na le motlakase go kganela diphologolo go feta mme e ne e le motlakase o o kwa tlase, go itsa gore o nne borai mo bathong.

O supile fa magodu a ne a utswa dingwe tsa didirisiwa tsa motlakase oo. Rre Gami o kopile morafe go tshwaragana le lephata la diphologolo, go fokotsa dikgotlhana tse di bakiwang ke diphologolo le batho.

E rile go le pele, Kgosi Tsholo Segwagwa wa Kaudwane a supa fa a sa itumela ka ntlha ya go wa ga terata ya diphologolo ka di felela di senya mo motseng.

A re ditau di tsweletse ka go ba jela leruo mme seo ke poelo morago mo go bone ka ba tshela ka lone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : KAUDWANE

Event : Phuthego

Date : 26 Sep 2022