Breaking News

Dikomiti di ka bereka le bagwebi

26 Sep 2022

Dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di rotloediwa go itshwaraganya le bagwebi ba ba ikemetseng go dira ditlhabololo go nale go ikaega ka puso  fela.

Kgakololo e, e ntshitswe ke mogolwane mo lephateng la boipelego go tswa kwa  khanseleng-potlana ya  Maun, Mme Keitumetse Kgosimoloi, kwa thuthuntshong ya  dikomiti tsa ditlhabolo tsa motse  tsa khansele-potlana ya Ghanzi Botlhaba kwa Ghanzi ka Labotlhano.

Mme Kgosimoloi o tlhalositse fa go itshwaraganya le bagwebi, go ka thusa  dikomiti tsa ditlhabololo tsa  motse go tsosolosa itsholelo ya metse ya bone, le go anywa ditsamaiso tse di siameng mo go ba ba innakantseng le bone.

A re dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di tshwanetse go tla ka  ditlhabololo tsa sennelaruri, tse di ka dirang gore matshelo a batho a itshetlele.

Mme Kgosimoloi  o tlhalolositse  fa tiro e tona ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse e le go tlhabolola motse  e seng  Ipelegeng, a tlatsa ka go re ba tshwanetse go nna le mananeo a  ditsamaiso a a tsepameng.

O ne a gakolola gore dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ga di a tshwanela go  itebaganya fela le ditlhabololo tse di tsenyang  madi.

A re le tse di tlhabololang botshelo jwa motho di botlhokwa.

Mme Kgosimoloi o ne a fa sekai sa go re ba ka  tsenya maranyane a Internet mo lefelong la morafe  e le tsela nngwe ya go itlhabolola.

O ne a fa dikai ka go farologana ka ditiro tse di  dirilweng ke dikomiti tsa khansele-potlana ya Maun, tse a dumelang gore morafe wa Ghanzi o ka kwatabolotsa  mo go tsone ka go twe dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe.

Mme Kgosimoloi o gakolotse gore fa  dikomiti tsa ditlhalololo tsa motse  di na le madi,  ga di a  tshwanela go a boloka otlhe kwa mabolokelong a madi.

A re ba tshwanetse go a dirisa go godisa itsholelo  le go tlhama  ditiro mo motseng.

O ne gape a supa gore ba tshwanetse go ruta morafe ka maele a botshelo, a tlatsa ka go re go beeletsa mo thutong le gone go botlhokwa.

O ne a gakolola gore fa ba ka boloka madi otlhe kgabagare go ka tsala gore a seka a dirisiwa sentle  kgotsa a  tlhoka motlhala.

A re fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse di hirisetsa batho dikago go tshwantse ga  nna le tumalano e e mo mokwalong e bile e beilwe monwana.

A re go botlhokwa gore dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di dirisanye ka gore tse dingwe ga di na madi kgotsa dikitso tse di rileng.

Kwa thuthuntshong eo ya malatsi a mararo, maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ba ne ba rutwa  go tsamaisa  dikomiti tsa go nna jalo, kgwebo le ditsamaiso tsotlhe tse di ba amang. Ends

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : GHANZI

Event : Thuthuntsho

Date : 26 Sep 2022