Setshaba se akarediwa mo lenaneong la go aga magolegwa
25 Sep 2022
Lephata la Dikgolegelo le bone go tshwanela gore le akaretse setshaba mo lenanaeong la popo-sesha ya magolegwa.
Mogolwane wa sepodisi, Rre Otlametse Motshebe o buile jaana kwa thuto-puisanong ya dikomiti tsa popo-sesha ya magolegwa e e neng e tshwerwe kwa Lerala le Ramokgonami ka Labone.
A re thulaganyo ya go bopa le go amogela magolegwa a pele, e tlhoka go tshwaraganelwa.
Rre Motshebe a re lephata le ntse le saletse kwa morago mo kganyeng ya kamogelo magolegwa a pele mo setshabeng le go akaretsa ba-na-le seabe.
A re komiti e tlaa thusa gore badira melato ba pele ba amogelwe mo setshabeng le go aga botsalano fa gare ga lephata la dikgolegelo le setshaba.
O kaile fa ba lemogile gore ba ntse ba ba ntsha mo dikgolegelong mme ba sa sa le morago go bona gore ba amogetswe jang, selo se se dirang gore bangwe ba bone ba boele kgolegelong.
Rre Motshebe a re lenaneo la popo-sesha ya magolegwa le tlaa ba thusa gore ba fetoge gape ba kgone go dirisa dikitso tse ba di amuleng kwa kgolegelong.
Rre Motshebe a re lephata le tsamaisa dikomiti tonto tshipidi gore di kgone tiro, a tlatsa ka go re ga se tiro e e motlhofo, e batla boineelo le bopelotelele .
Mookamela kgolegelo ya Machaneng, Senior Supt Fredrick Moleele a re moono wa komiti ke go netefatsa gore magolegwa a pele a tshela botshelo jo bo amogelesegang, go se na tlolo molao.
Sen. Supt Moleele a re maikaelelo a komiti ke go akaretsa setshaba go tsaya karolo mo lenaneong la popo sesha ya magolegwa.
A re maikaelelo a mangwe a komiti ke go tshwaraganya ba-na-le seabe go thusa magolegwa a pele go boela mo setshabeng.
Kgosi Selelo Moroka wa Lerala ene a re thulaganyo e supa fa lephata la dikgolegelo le gatela pele mo go iseng ditirelo kwa setshabeng.
A re thulaganyo ya go akaretsa ba-na-le seabe e botlhokwa ka gore dikomiti tse, di ya go lomaganya lephata le morafe.
A re ba dire thulaganyo e e tsepameng gore komiti e kgone go tswelela sentle.
Kgosi Kesetse Ramatlakadibe wa Ramokgonami ene a re lenaneo le tlaa dira gore ba fetole ka fa ba ntseng ba tsaya magolegwa a pele ka teng.
A re ba ne ba sa lemoge gore seemo ke sone se dirang gore bangwe ba boele mo kgolegelong.
Kgosi Ramatlakadibe a re e nne boikarabelo jwa dikgosi go amogela le go bereka le magolegwa, ba seka ba tshaba dipuo tsa morafe, ba ba rute ka lenaneo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : LERALA
Event : Thuto-puisanong
Date : 25 Sep 2022