Breaking News

Kgosi Kopano o tshwenngwa ke go rwalelwa ga dikgong

25 Sep 2022

Kgosi Phillip Kopano wa Mosu a re o tshwenngwa ke batho ba ba tseneletseng sekgwa sa motse ba se rwalela ntleng le go buisanya le bogogi jwa motse.

Kgosi Kopano a re o itemogetse fa barwaledi bao bontsi e le badirelapuso mme ba tla ka diteraka.

A re bangwe ba ba tlang ba rwelwe ka dikoloi tse ditona ke magolegwa mme ba tswa ba tladitse dikoloi tseo.

Kgosi Kopano o ntshitse matshwenyego a, kwa phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa Boteti Botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe bosheng.

Kgosi  Kopano a re go na le thulaganyo e a e itseng e e tshwanetseng go dirwa ke ba ba tlhokometseng naga ba lephata la dikgwa le ba lekgotla la motse, mme le nako eno thulaganyo eo ga ise e dirwe.

Ka jalo o ne a kopa ba ba lebaneng go dira ditsamaiso tse di maleba go somarela naga.

Mo go tse dingwe, Kgosi Kopano o ne a supa fa go na le terata ya matlhoko a leruo ya Talamabele  mme e ne ya re e kwalwa leina la seka la kwalwa sentle ga kwalwa Thalamabele.

O ne a supa fa khansele e kile ya ntsha tshutiso go fetola leina le mme ga go na phetogo epe.

Kgosi Kopano o ne gape a kopa gore tsela ya Mosu/Mmatshumo e gopiwe ka e le dikhuti.

A re tsela e, e baka dikotsi tsa dikoloi e bile di setse di gapile matshelo  a batho ba le bantsi.

Fa a tsibogela kgang ya go rwalelwa ga dikgong, mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Boteti, Mme Ndidza Molatole,  o ne a supa fa khansele e tlaa ya go kopana le kgosi go bua ka kgang ya go rwalela.

A re go a bonala gore go ne ga nna le go tlhoka go buisanya le kgosi mme ba tlaa ya go ipaakanya gore go salwe ditsamaiso morago.

Mme Molatole o ne a tlhalosa gore metse e e amiwang ke kgang ya go fetola leina go tswa mo go Thalamabele go ya kwa go Talamabele,  e tshwanetse e kwale kopo gore go nne le motlhala gore go kgonwe go tswelelwa ka ditsamaiso tse dingwe tsa go fetola leina leo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : MOSU

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 25 Sep 2022