A kgaolo e kgaoganngwe gabedi
25 Sep 2022
Banni ba Bokspits, Rappelspan, Vaalhoek le Struizendam ba kopile gore kgaolo ya botlhophi ya Kgalagadi Borwa e kgaoganngwe gabedi.
Ba buile jaana ka Laboraro kwa Bokspits, mo phuthegong e e neng e buisiwa ke lekoko le le tlhomilweng go sekaseka melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi le eteletswe pele ke moatlhodi wa kgotlakgolo ya ditsheko, Rre Mokwadi Gabanagae.
Fa a baya mabaka pele, moemedi wa banni ba Bokspits, Rre Gideon Martin a re Kgalagadi Borwa o na le metse e le masome mabedi le bobedi mme e bile e katologane mo go thatafalelang mopalamente go buisa diphuthego go tswa Kokotsha go fitlha kwa Two Rivers.
O kopile gore kgaolo e kgaoganngwefa Middlepits go fitlha kwa Two Rivers.
A re palo ya batho ya 2021 e supa gore banni ba Kgalagadi Borwa e kwa tlase ga seelo se se beilweng sa kgaoganyo ya melelwane mme a kopa gore go lebelelwe ditshetlana tse di farologaneng jaaka popego ya lefelo, ngwao le puo.
Rre Martin o kopile gore kgaolo ya bobedi fa e ka segwa, e bidiwe Molopo ka go na le ditso tsa noka e tona ya Molopo, e e ralalang kgaolo eo, fa kgaolo e nngwe yone a kopile gore e tswelele e bidiwa Kgalagadi Borwa.
Moemedi go tswa Vaalhoek, Mme Rachel Bock le ene o rile kgaolo e kgaoganngwe gabedi gore banni ba kgone go lekodisana le mopalamente kgapetsakgapetsa.
O kopile gore molelwane wa bobedi o segwe go simolola kwa Logaganeng go fitlha kwa Two Rivers, fa molelwane wa bobedi o ne o tswa kwa Maubelo o felela kwa Bray.
Moemedi go tswa Rappelspan, Rre Fredrick Matthys le ene o kopile gore Kgalagadi Borwa a kgaoganngwe gabedi.
A re kgaolo ya bobedi e segwe go tswa Middlepits go fitlha kwa Two Rivers.
Go tswa Struizendam, moemedi, Rre Gerhardus Esterhuizen o ne a kopa gore kgaolo e kgaoganngwe gabedi mme e nngwe e bidiwe Kgalagadi Legare.
A re kgaolo ya Kgalagadi Borwa e boatlhamo jwa selekanyo sa dikhilomethara di le 900 mme e bile ga go na ditsela sentle, seemo se a reng se kgoreletsa mopalamente go dira tiro ya gagwe.
Fa a rolela banni dikgang tsa lekoko, Rre Jost Isaac a re lekoko le thailwe ka molao-motheo wa lefatshe leno mme tshetlana ya bo 63, e tlhalosa gore lefatshe le tshwanetse la kgaoganngwa ka dikgaolo tsa botlhophi mme kgaolo nngwe le nngwe e tshwanetse ya nna le moemedi.
A re fa ba thaya melelwane, ba dirisa tshetlana ya bo 61 kgaolwana 1 ya molao-motheo e e supang gore mo lobakeng lwa dingwaga tse tlhano, tse di sa feteng tse di lesome, go tshwanetse ga sekasekwa melelwane mme lekoko leo mo go direng tiro ya lone le ikemetse.
Rre Isaac a re palamente e laotse gore go okediwe dikgaolo tsa botlhophi go tswa kwa go 57 go ya kwa go tse 61, ka jalo ba lebelela seo mo tirong ya bone.
A re palo batho ya 2021 e supa gore banni ba Kgalagadi Borwa ba oketsegile ba 35 378 mme ka 2011 ba ne ba le 32 400.
A re ba Kgalagadi Bokone ba ne ba le 18 092 ka 2011 mme jaanong mo palo bathong e e sa tswang go dirwa ba 23 524.
Rre Isaac a re Kgalagadi Borwa fa a kopanngwa le Kgalagadi Bokone, batho botlhe ba 58 902.
A re fa go kgaoganngwa melelwane, go lebelelwa dipalo tsa lefatshe lotlhe, a supa fa mo nakong eno batho ba tshwara 2.3 million, koketsego go tswa kwa go 2 million ka 2011 mme molao-motheo o supa gore lekoko le lebelela seelo le lebile palo ya batho lefatshe leno ka kakaretso.
Rre Isaac o gakolotse banni gore palo e tshwanetse ya nna gaufi le seelo sa 38 682 fa dikgaolo tsa botlhophi di ka okediwa go nna 61.
A re ka 2012 gore kgaolo e ikemele, e ne e tlhoka gore e nne le batho ba le 35 524 mme a supa gore batho ba Kgalagadi Borwa ba ne ba le ka fa tlase ga seelo mme ya dirwa kgaolo ka batho ba le 32 400.
A re fa ba kgaoganya dikgaolo, fa godimo ga go lebelela seelo, lekoko le lebelela ngwao, puo, ditso le mekgwa ya batho ba ba nnang foo.
A re ba lebelela gape gore a go na le ditsela, metsi, motlakase, ditlhaeletsanyo le popego ya lefatshe ka mafelo a mangwe a na le di-tsa tlholego tse di kgoreletsang metsamao.
Kgosi Charles Hendricks wa Bokspits o lebogetse lekoko go lekodisa merafe, a tlatsa ka go re palo batho ke konokono mo ditogamaanong, go kgaoganya ditlamelo, le go tsisa ditlhabololo.
Le ene o kopile gore Kgalagadi Borwa a kgaoganngwe ka dikgaolo tse pedi ka e le bophara mme e hekeetsa mopalamente ka mabaka a dikgwetlho tsa letlhoko la ditsela, seo se bo se ka diya ditlhabololo.
O kopile gore Bokspits le Struizendam di nne le makhanselara a le babedi, e seng a le mongwefela jaaka go ntse mo nakong eno.
Lekoko le le tlhomilweng go sekaseka melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi le akaretsa moeteledipele wa mapodisi wa pele, Rre Thebeyame Tsimako, Mme Elizabeth Masire, Rre Maotoanong
Sebina, Rre Isaac, mokwaledi wa lekoko leo Rre Neo Rakodu, Rre Steven Kokorwe, Mme Yvonne Nyoni, Mme Dintle Setlhotlhe le Rre Boago Mashadi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : BOKSPITS
Event : Phuthego
Date : 25 Sep 2022