Letlhoko la metsi le a tshwenya
25 Sep 2022
Banni ba Shakwe le Taupye, mo kgaolwang ya Mahalapye ba re ba tshwenngwa ke letlhoko la metsi mme seemo se se ba paledisang go dira ditiro tsa sentle.
Modulasetilo wa komoti ya ditlhabololo tsa motse wa Shakwe, Mme Galaletsang Onalepelo o buile jaana fa a rola pego ya komiti eo mo phuthegong e e neg e buisiwa ke mopalamaente wa
Mahalapye Botlhaba, Rre Yandani Boko kwa Shakwe bosheng.
Mme Onalepelo o tlhalositse fa ba na le lenyora mo motseng, mme se se bakwa ke gore pompara ga a dire tiro sentle lentswa ba na le sediba se se nosang motse otlhe.
O boletse fa dipompo tse di dirisiwang ke morafe di senyegile mme di sa baakanngwe.
O supile gape fa motse o godile mme ba tlhoka go gokelwa metsi le motlakase kwa ditsheng tse disha.
O ne a kopa gore bana ba agelwe matlwana a boitiketso a lehuti kwa sekoleng ka gore a a teng otlhe a dirisa metsi mme seemo sa letlhoko la metsi se ba baya ka fa mosing.
O supile gape fa seemo se se dira gore bana ba tswe ka bonako kwa sekoleng fa go sena metsi ka ba ka seke ba tlhole ba sa itiketse gope, mo go dirang gore ba salele morago ka dithuto.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komoti ya ditlhabololo tsa motse wa Taupye, Rre Moitlamo Marumo o tlhalositse fa ba na le tshingwana e ba batlang go e lema gore ba kgone go nna le letseno.
A re ba eletsa go tlhama mokgatlho o o ka sireletsang di-tsa tlholego tse di ka ba thusang go tsenya letseno.
Rre Marumo o supile ngongora mabapi le go tlhoka go bewa ditsha.
O boletse fa ba na le kgwetlho ya go epiwa ga motlhaba mo nokeng go sena ditumalano mme o ka ba tsenyetsa letseno fa go dirwa ka fa tsamaisong.
Banni ba ne ba supa ngongora mabapi le ditlhwatlhwa tsa metsi, ba re ba nna lebaka ba sena metsi mme ditlhwatlhwa di le kwa godimo.
Ba ne ba supa ngongora mabapi le bogodu jwa leruo, ba re molao o sireletsa badira molato go na le ba ba senyeditsweng.
Ba re molao o teng mme ga o dirisiwe ka gore batho ba ba utswang leruo ga ba tshegediwe lebaka mme ba boa ba ba senyetsa gape mo go dirang gore ba seka ba nna le sepe mo merakeng.
Ba ne ba ngongorega ka nako e e beilweng go fetola ditlankana tsa ditsha, ba re e okediwe ka gore bangwe ke bagolo ga ba kgone go goroga kwa diofising sentle, fa bangwe ba busiwa gantsi ka mabaka a a farologaneng mme se se ba tsenya mo pitlaganong ya go fetola ditlankana tsa ditsha tsa bonno.
Fa a tswa la gagwe, Mopalamente Boko o ne a solofetsa fa dikopo tsa bone di tlaa goroga kwa go ba ba maleba.
Rre Boko o kopile batsadi go tlhola le go tlhokomela bana, ba bo ba netefatsa gore ba dira tiro ya sekole sentle gore maduo a bone a kgatlhe.
Rre Boko o ne a kopa mapodisi go emela dikgang tsa bogodu jwa leruo ka dinao.
O gakolotse banni go gorosa dikgang tsa bogodu jwa leruo kwa sepodising go santse go na le nako gore ba thusiwe.
Rre Boko o lebogetse banni gotla pitsong ka nako tsotlhe fa ba bidiwa.
A re dikgang ka bontsi di buelwa mo kgotleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : SHAKWE
Event : Phuthego
Date : 25 Sep 2022