Breaking News

Ba lela ka melao ya tiriso ya lefatshe

25 Sep 2022

Banni ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume ba re diphetogo le tsamaiso e ntsha ya molao wa tiriso ya lefatshe ga e a ba ema sentle.

Ba ntshitse matshwenyego a mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Nkange Dr Never Tshabang kwa Tutume bosheng.

Ba re matshwenyego a matona thata ke tse di lopiwang batho fa ba batla go fetola ditsha tsa boswa, ka  go batlega motho yo o sekasekang setsha, mme seo se batle madi a mantsi.

Mongwe wa batsena phuthego eo, Mme Ntsatsi Balashiki a re phetogo e ntsha eo, e tsile go ba babalela ka dilo tse di batlegang go fetola setsha le madi a a lopiwang ba ba sekasekang a tlaa dira gore bangwe ba palelwe ke go fetola ditsha tsa bonno.

Mme Balashiki a re se se utlwisang botlhoko go feta ke fa setsha seo e le sa banyalani, mme mongwe wa bone a tlhokafetse,  jaaka setsha sa bonno, go tlama gore yo o setseng a sale a fetola maina.

Banni ba ne  ba kopa gore go nne le pharologanyo mo tsamaisong ya go fetola ditsha tse di rekisiwang le tsa boswa.

Mo go tse dingwe, banni ba ne ba lela ka seemo sa kokelo ya Tutume, ba re ba tswa kgakala ba ikuela ka yone le motlha le gompieno.

Ba re seemo sa kokelo eo se ngomola pelo, bogolo jang kwa marobalong.

Rre Edson Woto a re ba ne ba solofeditswe fa go tlaa agwa kokelo e kgolwane e e nang le malao a le masome a supa, e bile go bolelwa fa madi a go e dira a rebotswe.  

A re mo nakong ya gompieno kgang ya teng e tsene ka ga re itse, e bile le tekodiso ya teng ga ba sa tlhole ba e tlhaloganya.

Ka jalo o ne a botsa gore go bokgakala bo kae g re kokelo eo e agwe, a tlatsa ka go kopa gore matona a a lebaneng le dikgang tsa metsi le kago ya kokelo eo go ba etela go tla go tlhalosetsa morafe ka dikgang tseo.

Rre Woto a re kgang ya kokelo e tshwana le ya thulaganyo ya go siela kgaolo metsi a a  tswang kwa letamong la Ntimbale, a supa fa tiro eo e weditswe mme tlhaelo ya metsi e ntse e golela pele.

Fa a tsibogela kgang ya tlhaelo ya metsi, mogolwane kwa WUC kwa Tutume, Rre Chidzani Pogiso o boletse fa thulaganyo ya Ntimbale ya go siela metse e e masome matlhano le bobedi ya kgaolo ya Bokone Botlhaba le Nkange e tsamaile sentle.

Rre Pogiso a re Tutume o godile mme metsi a a tlhaela. A re go rarabolola kgang eo, ba dirile gore metsi a a tswang Ntimbale a kopanngwe le a a tswang kwa didibeng tsa Maitengwe.

A re se sengwe se se bakang tlhaelo ya metsi ke kgaogo ya motlakase kgapetsakgapetsa ka ba dirisa one go pompa metsi.

Mopalamente Dr Never Tshabang  o ne a tlhalosetsa banni fa rakonteraka yo o neng a dira tsela ya Tutume-Maitengwe a seegetswe fa thoko ka a paletswe ke tiro, ka jalo tsela eo e tlaa ajwa sesha.

O ne a tlhalosa fa marogo a a mo tseleng eo, a abetswe madi gore one a tswelele a dirwe fa go santse go emetswe tiro ya go ntshafatsa tsela.

A re dikgang tsa tsela eo, metsi le kokelo, ke dingwe tse di tshwenyang thata mo kgaolong.

Mo go tse dingwe, Dr Tshabang o boletse fa kgaolo-potlana ya Tutume e atolositswe go nna kgaolo mme e le mo legatong la ntlha.

O ne a bolela fa dikgaolo tsa botlhophi di tlaa okediwa ka tse nne go nna masome a marataro le bongwe.

Fa a tsibogela mangwe a matshwenyego a banni, Dr Tshabang a re diphetogo tse di tsileng ka molao o mosha wa tiriso ya lefatshe bogolo jang wa go fetola ditsha tsa bonno ke selelo sa Batswana ka bontsi.

O ne a tlhaolsa fa a tlaa fetisetsa matshwenyego a bone kwa go ba ba lebaneng.

Dr Tshabang o mo leetong la go lekola kgaolo le go tsaya megopolo mo bathong go isa kwa palamenteng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 25 Sep 2022