Breaking News

Ba Sorilatholo ba itumelela kgokelo ya motlakase

25 Sep 2022

Banni ba Sorilatholo ba itumeletse gore motse wa bone o tlaa gokelwa motlakase mo nakong e e sa fediseng pelo.

Ba supile boitumelo joo ka Laboraro mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Takatokwane, Rre Tshoganetso Leuwe.

E rile Kgosi Olebetse Phemelo a amogela baeng le morafe, a supa fa go tsere lebaka gore ba bone phetolo e e nametsang ka kgokelo ya motlakase, mme a itumelela gore motse wa bone jaanong o tlaa nna le lesedi.

Kgosi Phemelo o tlhalositse fa lekgotla la gagwe le ne le tletse phetelela bosheng fa khamphani e e tsileng go dira tiro eo e ne e tlile go rolwa mo morafeng.

Mo go tse dingwe, kgosi a re o itumelela tirisano mmogo ya bone le ofisi ya mopalamente ka jaana e tlaa tlhofofatsa ditirelo tsa bone.

“Ke batla go tsaya nako e ke leboga mokwaledi wa ofisi ya mopalamente, Rre Titus Mathys, yo a berekisanang le motse wa rona ka lorato le bofefo jo bogolo nako le nako fa re mo kopa thuso,” ga bua Kgosi Phemelo.

Borre Moruti Nkwane le Thabo Keorekang le bone ba ne ba leboga thata ka motlakase o o tlang mo motseng wa bone, ba re ga ba bolo go leta, mme jaanong ba tlaa nna le lesedi mo malwapeng a bone.

Mopalamente Leuwe o ne a supa fa le ene a itumeletse kgang ya motlakase, ka jaana go tsere lebaka gore selelo sa bone se arajwe. A re o ne a seka a ipona tsapa ka go buisana le puso gore e utlwe selelo sa bone, mme ka go na le lenaneo la go gokela motlakase kwa mafelong a metse selegae, Sorilatholo le Tshwaane e ne ya tlhophiwa go tsenngwa motlakase mo kgaolong ya gagwe.

Rre Leuwe a re le fa go ntse jalo, puso e sa ntse e aperwe ke letlhoko la madi, mme ga go na go kgonagala go tsenya motlakase mo mafelong otlhe nako e le nngwe.

A re ka jalo, Sorilatholo o nnile lesego go tlhophiwa pele, mme o dumela gore mo ngwageng wa madi o o tlang, Tshwaane le ene o tlaa gokelelwa motlakase.

Mopalamente o ne a bolelela morafe ka melao e e neng ya fetiswa ke palamente ya mariga.

Mengwe ya yone ke molao wa go ikemela ka nosi ga bobegadikgang, wa go fokotsa lekgetho la dithoto go tswa kwa go 14 go ya kwa go 12 per cent, le o o letlang babereki go adima bontlha bongwe jwa madi a go tlogela tiro go ithusa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : SORILATHOLO

Event : Phuthego

Date : 25 Sep 2022