Kgaolo potlana ya Boteti jaanong ke kgaolo e e feletseng
22 Sep 2022
Banni ba metse ya Mosu le Makgaba ba iteetse legofi tshwetso e puso e e tsereng ya gore kgaolo potlana ya Boteti e fetolwe go nna kgaolo e e feletseng.
Ba re tshwetso e, e raya gore ba tlaa akola ditirelo segautshwane go na le pele e bile ba supa fa kopo e ba sale ba e dirile.
Banni ba ne ba tsibogela mafoko a mopalamente wa bone wa kgaolo ya Boteti Botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe jaaka fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa metseng eo ka Laboraro Lwetse a masome a mabedi le motso.
Banni ba supile fa go ne go ba utlwisa botlhoko thata go tswa kwa metseng ya bone ba latela ditirelo kwa Serowe mme mo dinakong tse dingwe ba sa thusiwe ka ponyo ya leitlho mme ba felela ba palama dipalamo tsa setshaba makgetho a le mantsi go bona thuso.
Ba re mo dinakong tse dingwe bangwe ba ne ba felela ba itlhoboga ka go ya go kopa dittirelo tse ba di tlhokang ntateng ya letlhoko la madi.
E ne e rile go le pele Rre Lelatisitswe a itsise banni fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a arabile dilelo tsa bone tse ba sa bolong go di lela tsa gore ditlamelo di ba atamele.
A re ditlamelo tsotlhe tse ba neng ba di latela kwa Serowe di ba atametse ka kgaolo ya bone e tsholeditswe seemo mme go tlaa salela ditlamelo tsa kabo ditsha le tsa bogosi mme e tlaa re morago le tsone di fudugele kwa Letlhakane.
Rre Lelatisitswe a re go tsholediwa seemo ga kgaolo ya Boteti go raya gore bodiredi jotlhe jwa maemo a a tsayang ditshwetso bo tla a bo bo le mo motseng wa Letlhakane ka jalo go tla a fefosa ditlhabololo le gone go neela batho ditirelo ka bofefo.
A re ditlamelo ka bontsi bogolo jang tse di fiwang setshaba di ne di diega ntateng ya gore di ne di latelwa kwa Serowe fa dikgang tse dingwe tse di amanang le ditlhabololo di ne di isiwa kwa Serowe pele go sekwasekwa.
A re ene e re fa di sekwasekwa jalo, di kopana le tsa dikgaolo potlana tse dingwe di tshwana tsa Palapye, Tutume, Mahalapye mme ere morago go tsewe tshwetso ya gore go thusiwa bafe.
O ne a supa fa tshwetso e e dirilweng eo e le maleba ka makhanselara ba tlaabo ba sa kopanele kwa Serowe mme ba tlaa tsaya ditshwetso tse di lebaganeng le kgaolo ya bone ka botlhe ba ba lebaganeng le go tsaya ditshwetso ba tlaa bo ba le teng bogolo jang badirelapuso.
Rre Lelatisitswe o ne gape a itsise banni ka melao e e dirilweng ke palamente e e sa tswang go wela. A re palamente e ne ya dira molao o o itebagantseng le ba ba tlogetseng tiro ka bogodi.
A re molao oo, o letla yo o tlogetseng tiro go tsaya bontlha jwa sephatlo sa madi a gagwe gore a ithuse kana a itlhabolole ka one.
O ne gape a itsise banni fa molao o mongwe o palamente e neng ya o fetisa e le wa go oketsa dikgaolo tsa botlhophi jwa bopalamente go tswa kwa go 57 go ya kwa go 61.
A re mo nakong eno ga go ise go tsewe tshwetso ya gore dikgaolo tsa botlhophi jwa bopalamente go okediwa dife. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MOSU
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 22 Sep 2022