Breaking News

Bakaa ba akgolela puso go gagamatsa kwa melelwaneng

22 Sep 2022

Banni ba Bokaa mo kgaolong ya Kgatleng ba leleditse puso mogolokwane ba re kgato e e e tsereng ya go thibela merogo go tsena mo Botswana e nonotshitse beng-gae.

Ba ne ba bua jaana kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule ka Laboraro.

Ba re kgato eo e tlaa kgothatsa Batswana go bona gore ba itirela dijo tse di lekaneng go fa setshaba.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Bosie Mogome a re go tswalwa moo ga melelwane go nnile botlhokwa mo go emeng balemi ba mono nokeng mo tiromng ya bone ya go thusa lefatshe go ikemela ka dinao mo go tsa temo-thuo, e seng go ikaega mo mafatsheng a a mabapi jaaka e le tlwaelo.

O bile a akgolela puso go bo e lemogile fa ngwaga ono e le wa leuba ka jalo ya tswa ka maano a go namola balemi-barui.

Le fa go ntse jalo banni ba ne ba ngongoregela letlhoko la ditiro le le kokonelang banana le seelo se se kwa godimo se se batliwang ke dikole tsa ithutelo ditiro, ba re dikole di ka bo di repisa go se gonene di lebile gore COVID-19 e ne ya tlhakatlhakanyetsa baithuti.

Ba bile ba kopa puso go fefosa kabo ya ditsha le go oketsa baoki kwa kokelwaneng ya motse.

Tlhaelo ya melemo le yone ba re ga e ba jese diwelang.

Fa a ntsha la gagwe, Rre Pule o ne a itsise morafe ka melao e e lesome le borobabobedi e e fetisitsweng kwa Palamenteng e e sa tswang go fela ya mariga.

Mo melaong eo go wa madi a bogodi o o tsentsweng tsetlana.

Tsetlana eo e letla ba ba tlogetseng tiro ka bogodi go tlopola mo letloleng go ithusa fa ba na le diemo.

Ba bile ba lekodisiwa  ka go tsenngwa tsetlana ga molao wa lekgetho la VAT go re le fokotsege go tswa kwa go lesome le bone go ya kwa go lesome le bobedi mo lekgolong go fokotsa boturu jwa dilo dingwe di tshwana le mahura a a apayang.

Phokotso eo ya lekgetho e tlaa tsaya dikgwedi tse thataro go simolola ka Phatwe.

Rre Pule o ne a ba itsise gore palamente e dumetse molao wa gore go okediwe dikgaolo tsa botlhophi go tswa mo go masome a matlhano le bosupa go ya kwa go masome a marataro le bongwe.

O bile a kgothatsa banni gore ba tsene diphuthego tsa tseo-maikutlo go kgaoganya melelwane ya botlhophi a bo a ba kgothatsa gore ba ntshe megopolo ba le seopo sengwe gore lentswe la bone le utlwale.

Mo kgannyeng e nngwe, Rre Pule, yo  e leng mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, o boleletse banni gore Ipelegeng e tlaa tlhabololwa ka go baakanya dikago tsa setshaba.

A re tekeletso ya Ipelegeng e ntsha e dirilwe kwa kgaolong ya Borwa Botlhaba Borwa le gore e tlaa atolosediwa kwa dikgaolong tse dingwe go netefatsa gore  ba ba nang le boitseanape kwa metseng ba oba lebogo.

O bile a itsese banni fa madi a go tlhabolola dikgaolo tsa botlhophi a diilwe ke go bo go ne go simololwa ngwaga o mosha wa madi.

Banni ba ne ba ngongoregile gore ditiro dingwe jaaka paakanyo ya dikago le ditsela di ne di diegile.

Ka tlhaelo ya melemo, mopalamente o ne a kgothatsa badiri ba botsogo gore ba netefatse gore bagodi ga ba folele melemo e e seyong, bogolo ba ba kwalele melemo yotlhe e ba e tlhokang gore yo o kgonang a ye go ithekela.

E re dikgang di eme jalo, mothusa mokwaledi wa khansele ya Kgatleng, Rre Masiela Mandoze o kgothaditse komiti ya ditlhabololo tsa motse go tsisa pego ya yone ya tiriso ya madi gore e tle e rebolelwe madi a dikgaolo tsa botlhophi le gore bogogi jwa khansele bo thuse ka bokaedi.

Mokhanselara wa Bokaa Rre Joseph Sebina o ne a kgothatsa badirela puso go buisa diphuthego tsa kgotla ka mananeo e seng go emela phuthego ya mopalamente.

Modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Oodi Rre Mothusi o kopile banni gore ba emise go rekisa ditsha, ka ebile ba baile le motse mogolo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : BOKAA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 22 Sep 2022