Banni rotloediwa go lwantsha bolwetse
22 Sep 2022
Banni ba Damochujenaa ba kgothaditswe go nna le seabe go tlhomamisa gore bolwetse jwa tlhako le molomo ga bo aname mo dikgaolong tsa bone ka go sala morago ditaelo tsa ba lephata la mathoko a loruo.
Se se builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare Rre Molebatsi Molebatsi kwa phuthegong ya kgotla ka Laboraro Lwetse a le masome mabedi le motso.
Rre Molebatsi o ne a supa fa morafe o na le seabe sa go anamisa mogare,a re puso e dirile ka bojotlhe go aga terata e e laolang metsamao ya leruo mme go na le batho ba ba tsweletseng ka go e senya, se se dire gore go nne dingalo go laola motsamao wa leruo.
O ne a supa fa nako e tsile gore Batswana ba tsee boikarabelo jwa go tlhomamisa gore dithoto tsa puso di a tlhokomelwa le go baakanya fa go senyegileng teng ka puso e sa tlhole ena le madi.
E ntse e le go ne kwa phuthegong ya kgotla, Rre Molebatsi o ne a supa fa bothata jwa lenyora le le tswang kgakala le apere motse oo, le tlaa tokafala mo kgweding tse nne tse di tlang.
A re se se supilwe ke tona wa Ditsha le Metsi, Dr Kefentse Mzwinila jaaka fa a ne a lekola tiro ya go gokela diphaephe tse di isang metsi kwa metseng ya Mmadinare, Sefhophe, Tobane, Damochujenaa, Serule, Moreomabele le Topisi.
Rre Molebatsi o ne a supa fa paka ya temo e atumetse mme a gakolola fa puso e tlaa tswelela e thusa balemi ka go ba lemela le go ba abela dipeo.
Kgosi Kebalepile Motsholetsi are ba itumeletse ka fa kabo ya ditsha e tsweletseng ka teng kwa motseng wa gagwe morago ga gore batho ba tsee lobaka ba letetse go bewa.
Mo go tse dingwe Kgosi Motsholetsi o kopile puso go seka sekela bana ba tirelo setshaba go tlhapiwa mo diphatheng tse di leng teng kwa dikgotleng ka ba setse ba itsi tiro.
Le fa go ntse jalo modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Mogomotsi Rannyena o ne a kopa puso go seka seka dituelo tsa Ipelegeng a supa fa di siilwe ke nako.
A re bontsi jwa batho ba Damochujenaa ga ba bereke mme ba ikaegile ka namola leuba go jesa le go tsenya bana dikolo ntswa madi a sa lekana go dira jalo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : DAMUCHUJENAA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 22 Sep 2022