Breaking News

Dikereke dingwe di kgotlela lefelo la ditso

22 Sep 2022

Banni ba Makgaba kwa kgaolong ya Boteti Botlhaba ba re ga ba jesiwe diwelang ke dikereke dingwe tse di direlang ditumelo tsa tsone kwa lefelong la bone la ditso.

Ba ntshitse matshwenyego a, kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Boteti Botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe kwa motseng  oo ka bosheng.

Ba supile fa ba lekile maiteko otlhe go bona gore dikereke tseo ga di etele lefelo le, mme ba itaya sefoleletse.

Ba re ke nako ya gore mopalamente wa bone a ba thuse mme dikereke tseo di emise gotlhelele go etela lefelo le.

Modulasetilo wa komiti e e tlhokometseng di-tsa tlholego tsa motse oo, Rre Rebaone Kotseleng, o ne a supa fa go na le dikereke dingwe tse di yang kwa lefelong leo ba bo ba gotsa melelo, ba senya dingwe tsa di-tsa tlholego ka go ntsha dingwe ba re ba di tsenya mo metsing ba bo ba tlhapa ka tsone ba re ba a ikalafa.

Rre Kotselelng a re ba felela gape ba gelela metsi kwa lefelong le, kana ba a leswafatsa ka go tlhapela mo go one, a tlatsa fa ditiro tse ba di di dirang tse di felela di kgoreletsa tlholego e e kwa lefelong le.

A re maloko a dikereke tse ba tsweletse gape ka go lala kwa lefelong le fa go sena yo o lemogang mme ba kgoreletse ditlou tse di nwang metsi koo.

A re mo nakong tse dingwe ditlou tse di a ba galefela.

A re go a gakgamatsa ka dikereke tse di a bo di tswa kwa mafelong a sele a tshwana le Letlhakane le Matsitama fa dingwe di tswa kwa mafelong a mangwe ba supa fa ba utlwaletse lefelo leo.

Ka jalo Rre Kotsweleng o ne a kopa molaodi wa kgaolo ya Letlhakane go ba rulaganyetsa dithuto tsa go simolodisa lekgotla gore ba kgone go somarela di-tsa tlholego tseo ba tlhwaafetse.

Banni gape ba ne ba kopa gore motse wa bone o nne le lepodisi ka go tletse botlhokatsebe jo bontsi.

Ba re mo nakong eno ga ba ise ba nne le kgosi mabaka e le gore yo o neng a le teng o ne a tlhokafala, go diragala botlhokatsebe jo bontsi mo motseng, ka go a bo go itsiwe gore ga gona kgosi kana mongwe yo o ka kgalemang.

Banni gape ba ne ba ntsha matshwenyego ka ditlou tse di tlhakaladitseng motse wa bone e bile di ba senyetsa masimo.

Ba re ba dira maiteko a go lema ngwaga le ngwaga mme e re ba solofetse thobo, ditlou di bo di tla go ba senyetsa.

Ba ne ba kopa puso go bona gore ditlou tseo di ntshiwa mo lefelong le di leng mo go lone kana di fokodiwe ka go bolawa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenuyane

Location : MAKGABA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 22 Sep 2022