Breaking News

Lucara e abela Boro bese ya baithuti

22 Sep 2022

Khamphani ya Lucara Botswana erile bosheng ya abela motsana wa Boro mo Ngamiland bese e e pegang baithuti.

Bese eo, e e pegang batho ba le masome mabedi le bone, e kopilwe ke ba Botho Corps Trust, ba e kopela bana ba  Boro ba ba tsamayang sekgele sa dikholomithara tse masome mabedi ka letsatsi go ya dithutong kwa Maun.

Mogolwane wa Lucara Botswana, Rre Johane Mchive o tlhalositse fa mpho eo, e le maiteko a bone a go tokafatsa thuto ya bana le go etleetsa maitlamo a lekgotla la ditshaba a go tsisa thuto e e nang le boleng.

A re ba thusa setshaba go ya ka dikeletso le letlhoko la ba ba kopang, a tlatsa ka gore mongwe le mongwe o na le letlhoko le le sa tshwaneng le la yo mongwe.

O ne a kgothatsa bana ba sekole go dira ka natla, go fitlhelela ditoro tsa bone, a tlatsa ka gore go bo ba tswa mo motsaneng oo senang sekole ga go a tshwanela go ba nyemisa moko.

Rre Mchive o ne a kopa batsadi go ema bana ba bone nokeng, go tlhomamisa gore ba ithuta ka tlhwaafalo.

E rile a tswa la gagwe, Mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Goretetse Kekgonegile a tlhalosa fa Boro a le mo lenaneong la go agelwa matlwana a borutelo a le mabedi, ka lenaneo la madi a ditlhabololo a dikgaolo tsa botlhophi.

Rre Kekgonegile a re baithuti ba le masome mararo le bongwe, ba dikole tse di potlana le tse dikgolwane, ba tsamaa sekgele ba raletse diphologolo malatsi otlhe, selo se a reng se diphatsa mo matshelong a bone.

O ne a leboga ba Botho Corps Trust go bo ba tsere matsapa go ikgolaganya le ba Lucara Botswana go kopa mpho e ya bese, a re e tlaa tsisa pharologanyo mo Boro.

Mopalamente o ne a gwetlha batsadi go emela thuto ya bana ba bone ka dinao, go na le go baa tsotlhe mo maruding a barutabana.

Mookamedi wa Botho Corps Trust, Dr Didimalang Biorn o tlhalositse fa lekgotla la gagwe le thusa bao ba ba nang le letlhoko, segolo bogolo, ba ba tlhokang tshidilo maikutlo.

O buile fa seemo se baithuti ba se ralalang malatsi otlhe go ya sekoleng kwa Maun se ne sa mo ngomola pelo, ka jalo a gwetlhega go kopa thuso kwa Lucara Botswana, ka go bo le ene mokgatlho wa gagwe o le mo Boro.

“Re itumetse thata go amogela bese e mo Boro ka go bo re fitlheletse ditoro tsa rona go bona bana ba rona ba na le sepalamo se se ba isang kwa Maun,” ga bua Dr Biorn. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : BORO

Event : Kabo Dimpho

Date : 22 Sep 2022