Molelo wa diphera o tlhasetse lelwapa lengwe kwa Kanye
21 Sep 2022
Ba lelwapa loora-Otlogetswe kwa kgotleng yoo Ruele kwa Kanye ba re ba tshwengwa ke molelo o o ba jelang dilwana jaaka diaparo, malao le tse dingwe di dirisiwa tsa ntlo.
Rre Moteresi Otlogetswe o boleletse BOPA fa molelo oo, o simolotse ngogola morago ga go ba lebadisa dingwaga tse some tse di fetileng.
A re molelo wa ntlha o simologile ka 2001 ba sena go nyelelelwa ke ngwana.
Rre Otlogetswe a re fa ngwana yo neng a nyeletse a sena go boela lwapeng, molelo o ne wa simologa.
A re go ne ga nna le mosamarea mongwe yo a neng a ba ithaopela go ba kopela diaparo, dijo le bolao a sena go utlwa fa ba sena se ba se ikokegang le fa e le se ba se isang ganong.
O bile a re se se neng sa ba hakgamatsa ke gore diaporo tse ba neng ba di abetswe, ga ba ise ba di akole, di ne tsa asha le bolao mme ga sala dijo fela.
Rre Otlogetswe a re jaanong ba nna ka letshogo mo e leng gore moso le moso ba ntshetsa dilwana kwa ntle ka jaana molelo o, o tshuba motshegare le fa nako nngwe mo bosheng o kile wa tshuba makuku.
A re dikereke dingwe tsa Kanye di ne di tsile go ba rapedisa kgwedi eno e le lesome le motso mme ga ne e kete go a tokafala ,morago ga malatsi ga simolola gape.
Rre Otlogetswe, a re ba letla mongwe le mongwe yo o ka ba thusang go gololesega go dira jalo, a e ka tswa e le ka thapelo kgotsa ka thuso epe fela, a re le ba dikereke ba ka lere merapelo nako nngwe le nngwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 21 Sep 2022