Amogelang ba ba tswang kgolegelong - Kgosi Mosinyi
21 Sep 2022
Kgosi Mosinyi Mosinyi wa Shoshong o akgoletse lephata la dikgolegelo lenaneo la go boela mo setshabeng ga magolegwa a pele, ka se se ka tsisa kagisano mo morafeng.
Kgosi Mosinyi o buile se kwa bokopanong jwa ba-na-le seabe le lephata la dikgolegelo fa ba ne ba rutuntshiwa ka lenaneo le kwa Shoshong ka Mosupologo Lwetse 19.
A re go botlhokwa go rutuntshiwa le go gakalolwa gore ba ka tshela jang le magolegwa a pele go sena kgethololo.
O kopile gore ba melato e mesesane ba sutlhiwe menwana gore ba kgone go bona ditiro, go itsa go boela ditiro tse neng di ba isitse kgolegelong, borukutlhi le bone bo fokotsege.
Kgosi Mosinyi o kopile gore melato e sekasekwe e bo e kgaoganngwa ka bokete jwa yone ka gore go tsewa menwana go ka baka kgethololo mo setshabeng, ka e supa fa motho a sa tshephagale.
Assistant Commissioner Ontlametse Motshebe o tlhalositse fa thulaganyo e, e simolotse ngwaga o o fetileng mme ga tlhamiwa dikomiti.
Rre Motshebe o supile fa dikomiti tse di tlaa rurifatsa gore ke bo mang ba ba kwa kgolegelong le gore ba tswa leng gore ba kgone go amogelwa sentle mo setshabeng.
A re ba-dira molato ba pele ba tla ka ditlankana fa ba tswa kgolegelong, tse di ka ba thusang go bona ditiro gore ba kgone go itshetsa.
O boletse fa bangwe ba boela kgolegelong gantsi ka go tlhoka go amogelesega mme a kopa batho go fetola ka fa ba lebang magolegwa a pele ka teng mme ba ba thuse gore ba tswelele le botshelo.
Rre Motshebe a re komiti e tlaa thusa gore go nne le tetlano mo magolegweng a pele le ba ba kileng ba ba senyetsa a tlhalosa fa keletso e le go fokotsa mosuke kwa dikgolegelong.
A re keletso ke gore lefatshe le, le nne le ledula gore beng ba dikgwebo ba kgatlhegele go beeletsa mono ba sa tlhobaediwe ke dikgang tsa borukutlhi.
Superintendent Maipelo Lufu ene o tlhalositse fa ba ne ba lemoga dipalo tse dintsi tsa magolegwa a pele a a boelang kwa dikgolegelong le ntswa go na le methale ya go aga boitshwaro jwa bone sesha.
Supt Lufu o supile fa dipalo di ne tsa ba tlhobaetsa mme ba lemoga fa ba tlhaela ka lenaneo le, gore batho ba amogelwe sentle go simolola botshelo sesha.
O tlhalositse fa moono wa komiti e le go tshwaraganela go tswelela le go tshela ga magolegwa a pele ka dithuso tsa methale e e farologaneng go ya ka botlhoki jwa bone, go ba rotloetsa go tshela botshelo jo bo amogelesegang go sena tlolo molao.
Supt Lufu o tlhalositse fa komiti e tlaa thusa le go lwantsha botlhoka tsebe mo dikoleng, go itsa borukutlhi.
A re lenaneo ke gone le simololang mme ba tshwanetse ba ikemisetsa dikgwetlho tsotlhe tse ba ka kopanang le tsone gore tiro e tswelele.
O kopile maloko a nne pelokgale ka ba tlaa bo ba dira tiro e e nang le dikgwetlho tse dintsi mme kwa phelelong, maitlamo a tshwanetse go diragadiwa.
Batsena phuthego ba ne ba atla thulaganyo e, ba re e tlaa leka go aga setshaba sesha ka gore ke makgetho a le mantsi batho ba tswa kwa kgolegelong mme ba itshwarelwe, ba bo ba tlhoka se ba se dirang mo go felelang go dira gore ba dire molato gape.
Ba supile fa bangwe ba magolegwa a pele ba na le go ikgetholola mo setshabeng mme lenaneo le tlaa ba thusa go ikamogela.
Ba ne ba tlhomamisa fa thuto e tsene mo go bone e bile ba e bolokile, ba re ba tlaa leka ka bojotlhe go amogela magolegwa a pele ka gore ba a ba tlhoka ke noko ya morafe wa bone, bangwe ba bone ditiro di ba emetse kwa malwapeng ebile ba eletsa go bona ba ikamogela.
Ba tlhalositse fa go tlhoka go amogela badira melato ba pele go dira gore ba seka ba ikamogela ebile ba lebege jaaka batho ba ba borai. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : SHOSHONG
Event : Thutuntsho
Date : 21 Sep 2022