Melelo ya naga e sentse phulo ya leruo le dithoto
21 Sep 2022
Barui ba supa fa go tlhoka dikoloi le ditsompelo tse di ka thusang go tima melelo ya naga e e peperetlang kwa merakeng le dipolase tse di gaufi le Mmashoro, go bakile ditshenyegelo.
Melelo ya naga e simolotse beke e e fetileng e gaila naga kwa merakeng e e bapileng le Mmashoro le Malatswae.
Mothusa kgosi kwa Mmashoro, Rre Robert Modisagape o boleletse mo potsolotsong fa ba kopile thuso ya dikoloi kwa ofising ya ga molaodi go rwala batho ba ba ka thusang go tima molelo o o setseng o fiisitse phulo le mapako a diterata tsa masimo mangwe.
Go kaiwa fa diruiwa di iphalotsha ka go siela kgakala le mahudiso, fa mangwe mafelo masaka a shele mme diruiwa di setse mo patlelong.
Digagabi dingwe di bonwa di popometse mo lebaleng di hisitswe ke molelo fa ditlhare le tsone di shele.
Go tlhalosiwa fa go sa etsiwe se se bakang melelo ya naga le mororo e diragala ngwaga le ngwaga.
Kwa morakeng wa Moselesejane bomme ba ba neng ba ile go kgetla bojang jo bo rulelang ba ne ba le botsa phokoje, kwa e rileng ba ntse ba kgetla bojang ba bona molelo o tla kwa go bone o tla o gagaila naga.
Mme Nkgala Baipoledi wa Mmashoro o boletse fa a bereketse lefela ka dingata tsa bojang tsa gagwe di le masome a mararo di jelwe ke molelo.
A re o itshetsa ka go kgetla bojang jwa tshikhitshane jo bo rulelang le motshikiri wa dipheelo.
Mme Baipoledi a re ba ne ba dule letsholo go tswa Mmashoro go ya go kgetla bojang mme molelo wa naga wa ba leleka kwa sekgweng.
Mme Moipoledi Abi ene o boletse fa melelo eo e simolotse beke tse pedi tse di fetileng mme o ba kgoreletsa go dira ditiro tsa bone.
A re balemi-barui ba tshwanetse go thusana go tima melelo e e tsweletseng ka go sha.
O boletse fa e le bone ba senyegelwang bo be ka leruo la bone le tsile go sala mo leshekereng le go senyegelwa ke mapako a masimo.
Bangwe barui ba boletse fa leruo la bone le tsile go dika le pharame ke go tlhoka phulo ka dipula di lebaga di le kgakala.
Ba re leruo le tsile go phatlalala le tshaba melelo e e setseng e tshubile sekiti se se tona sa naga.
Ka nako ya fa ba BOPA e etetse mafelo a kwa melelo e peperetlang teng, badisa ba meraka ya Moselesejane, Rre Emmanuel Lefatshe le Rre Onosi Mankge ba ne ba semeletse, go leka go tima kgabo ya molelo o o neng o tsamaela kwa masakeng a bone.
Ba ne ba tlhalosa fa bangwe badisa ba ntse moruti o tsididi fela ba sa kgaratlhele go tima molelo ba bo ba supa fa kwa merakeng mengwe go na le leruo le le fiisitsweng ke molelo fa lengwe le foufetse ke mosi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MMASHORO
Event : Potsolotso
Date : 21 Sep 2022