Breaking News

Seemo sa lenyora se a tokafala kwa Ngami

21 Sep 2022

Water Utilities Corporation (WUC) e akgoletswe go tokafatsa seemo sa tlhaelo ya metsi kwa kgaolong ya Ngami.

Fa ba akgela mo pegong ya modulasetilo wa khansele, makhanselara ba supile ba itumeletse gore tlhaelo ya metsi mo kgaolong jaanong e bepile.

Ba bile ba itumelela gore khamphani ya metsi e bereka sentle le bogogi jwa kgaolo le go bo lekodisa ka dikgwetlho fa di le teng.

E rile a ntsha la gagwe, Mokhanselara Botshelo Mapa wa Sepopa/Ikoga a bolela fa WUC e tsweletse ka go dira tiro e ntle go netefatsa gore morafe o bona metsi a go nwa.

A re mafaratlhatlha a metsi a Sepopa a a kwa kgaolong ya Okavango a siela metse e le mentsi metsi le fa a sa lekana.

A re mafelo mangwe kwa ntlheng e nngwe ya Sepopa a mo lenyoreng mme o solofela fa khamphani e tlaa tlatlamelela seemo seo.

Mokhanselara Morolong Mosimanyana wa Nxaraga/Komana o ne a lebogela botsamaisi maiteko a jone, a afa sekai ka ditiro tse di tsweletseng kwa Nxaraga tsa go gokela metsi, a tlatsa ka gore e tlaa re fa tiro eo e fela, banni ba bo ba kgona go gokela metsi kwa malapeng.

Mokhanselara Oabile Chomobo wa Shorobe/Sankoyo ene o ne a kgothatsa WUC go tsibogela go tokafatsa seemo sa boleng jwa metsi kwa Shorobe.

E ne e rile mo puong ya gagwe, modulasetilo Rre Kebareeditse Ntsogotlho a tlhalosa fa seemo sa metsi ka kakaretso se tokafetse mo kgaolong.

O supile fa mafaratlhatlha a go tlhatswa metsi a a tswang mo nokeng ya Thamalakane kwa Borolong a setse a bereka.

A re metsi ao a nosa bogolo jwa Maun.

A re tanka eo e tokafaditse tiro ya go siela Maun metsi, bogolo jang kwa dikgaolwaneng tsa Boseja le Disaneng, tse di neng di le mo lenyoreng le le golo fa mafaratlhatlha a Borolong a ne a timile ka ntlha ya go kgala ga noka ya Thamalakane, mo go tlogetseng mafelo mangwe a goga bokete fa a mangwe a ne a kgaletswe gotlhelele.

Le fa go ntse jalo, Rre Ntsogotlho o ne a amogela gore metsi a a tlhatswiwang kwa Semolo, Nokaneng le Sepopa ga a lekane morafe.

A re legale WUC e siela batho metsi ka dikoloi le go a kgaoganya sentle fa go tlhokafalang teng.

Makhanselara ba bile ba itsesiwe gore tiro ya go baakanya mafaratlhatlha a Semolo le Nokaneng e simolotswe ka go simolotswe go batla yo o ka e dirang.

Ba bile ba bolelelwa gore WUC e tsweletse le go ntshafatsa le go tokafatsa phatlalatso ya metsi mo Maun e bile tiro ya ntlha, e e simolotseng ka Phalane 2019, e solofetswe go wela ka Ngwanatsele.

Tiro e nngwe, e Rre Ntsogotlho a reng ke ya go gokela didiba le mafaratlhatlha go tswa kwa Nxaraga go ya kwa Shashe Booster Station le motse wa Nxaraga go tokafatsa kelelo ya metsi kwa Maun le metse e e mabapi, e simolotswe ka Tlhakole 2021 e solofetswe go wela ka Tlhakole ngwaga o o tlang.

Rre Ntsogotlho o tlhaloseditse makhanselara gore le fa khamphani ya metsi e leka bojotlhe go siela morafe metsi, tiro e busediwa morago ke bogodu jwa megala ya motlakase kwa didibeng tsa Borolong, Sexaxa le Shashe.

A re gape go na le mokgwa wa barui le magodu a motlhaba wa go senya didirisiwa tsa metsi, bogolo jang kwa Kareng, Makalamabedi, Shashe wellfield, Shaikarawe le phaephe ya Sepopa-Gumare.

A re ditlou le tsone di tlhakaladitse ka go senya didirisiwa tsa metsi kwa Phuduhudu, Etsha 1 le 6, tshenyo e a reng e gakatsa lenyora. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MAUN

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 21 Sep 2022