Banni ba ngongorega koporase ya metsi
21 Sep 2022
Banni ba Mmaphashalala le Dovedale ba ngongoregile ka tlhaelo ya metsi.
Ba re bontsi jwa malwapa a kgaoletswe metsi ntateng ya dikoloto tse di kwa godimo.
Ba buile se fa mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Rre Yandani Boko a ne a ba lekotse ka Labotlhano.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mmaphashalala, Mme Keakantse Christopher a re go tlhoka go tsenyediwa metsi mo ditsheng tse disha go dia ditlhabololo.
Mo go tse dingwe, a re ba lephata la kabo ditsha ba diega go baa baikopedi.
A re ba sokola go latela ditlamelo kwa Mahalapye.
Mme Christopher o kaile fa matlwana a boitiketso kwa sekoleng se se botlana a sa bereke sentle, a supa fa se se ka babalela botsogo jwa baithuti le bodiredi jwa sekole.
Fa a akgela, Rre Michael Koontse le ene o supile lephata la kabo ditsha ka monwana, a re le ba tlodisa ditshono tse dintsi.
A re banana ga ba fiwe ditsha, mme kgwebo tse gotweng ba di tlhame ka madi a lephata la banana (YDF) di batla gore a bo ba na le ditsha.
Banni gape ba kopile gore ba okelediwe baoki, ba re ba babedi ba ba leng teng ga ba a lekana, le gore go hirwe beng gae fa go na le ditiro mo motseng, e seng go tsisiwa ba ba tswang kwa ntle.
Kwa Dovedale, banni ba ne ba lebogela motlakase kwa sekoleng sa bone, le gore o tlaa tsenngwa le kwa kokelwaneng.
Ba kaile fa ba na le letlhoko la koloi kwa kokelwaneng, ntlo ya badisa dikago le ofisi ya ga mogokgo kwa sekoleng.
Ba re ga se botlhe ba ba kgonang go gokela metsi mo malwapeng, mme e bile bontsi jwa malwapa bo kgaoletswe metsi ka jalo se se bakile tshokolo e ntsi.
Fa Mme Keeme Molebatsi ene a ngongoregile gore ba-na-le bogole ga ba fiwe ditlamelo tse di ba lebaganeng, mme a kopa gore go nne le baboipelego gore batho ka bontsi ba kgone go thusiwa sentle leka nako.
Barui ba motse oo ba ne ba lela ka setlhare sa mogau, se ba reng se ba feleditse leruo, mme ba kopa thuso go se agelela.
Banni supile fa go na le bana ba ba nang le letlhoko le lentsi kwa sekoleng, jaaka ba se na paka ya sekole le dijo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : MMAPHASHALALA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 21 Sep 2022