Ba Malwelwe batla abelwa ditsha di le 513
21 Sep 2022
Modulasetilo wa lekgotla la kabo-ditsha la Kweneng Rre Kgang Kgang o tlhalositse botlhokwa jwa go dirisa lefatshe ka fa go tshwanetseng.
O buile se ka Mosupologo Lwetse 19, jaaka fa ba ne ba simolola letsholo la go abela baikopedi ba le 516 ditsha dile 513 kwa Malwelwe mo kgaolong ya Letlhakeng/Lephephe.
Kabo ditsha e, e solofetswe go wela ka Labotlhano.
A re go dirisa lefatshe tiriso e moikopedi a le abetsweng yone go botlhokwa fela thata ka go hema dikomano le diphaphang mo setshabeng.
Rre Kgang o ne a supa fa ba ikemiseditse go aba ditsha di le 11 000 mo kgaolong ya Kweneng ka bophara mme a re seo se raya gore baikopedi ka bontsi ba tlaa nna le sebaka sa go abelwa ditsha.
A re seo se araba selelo sa Batswana jaaka ba ne ba supa fa go tsaya lebaka gore ba abelwe ditsha gore le bone ba kgone go ikagela.
O ne a ba gakolola gore setsha ke boswa jo bogolo fela thata mme a ba kopa gore ba emise go rekisa ditsha tsa bone bogolo jang ka lefatshe le sa oketsege mme palo ya batho yone e gola.
Modulasetilo o ne gape a ba lemotsha fa lefasthe le ba le abelwang le sena ditlamelo jaaka metsi le motlakase mme seo se raya gore ba ya go nama ba letile gore dilo tseo di tsene mo thulaganyong ya gore di isiwe koo.
Rre Kgang a re ba none pelo ka mathe ka letsatsi lengwe puso e tlaa ntsha madi gore ditlamelo di ba atamele.
E rile a a fa sekai, a supa fa gona le batho bangwe ba e e reng ba sena go abelwa masimo ba kope go phunya didiba mo teng, mme e re morago ba tlatse leruo mo kgaolong eo mme seo se kgotlele tikologo ka jalo a kopa baikopedi go hema diemo tseo.
“Go tshwana le mekgatho ya barui ka jaana ba dirisa lefatshe la morafe mme ke ba kopa gore ba ele tlhoko tiriso ya lefatshe gore kgothego ya lone e seka ya le bolaya ka go lekanyetsa palo ya dikgomo le dihutshane.”
Rre Kgang o ne a tlatsa ka gore go boloka lefatshe go botlhokwa fela thata ka jaana go fa bana sebaka sa go le dirisa.
Modulasetilo a re ba setse ba beile ditsha kwa Mantshwabisi le Serinane a supa fa botlhe ba ba neng ba kopile ditsha koo ba beilwe e bile dingwe di setse.
“Re ya go tswelela gape beke e e tlang re baya ditsha kwaa Salajwe”.
Rre Maipoko Ramotswakwa a re o tletse boitumelo ka a sa bolo go leta gore a bone setsha se e leng sa gagwe.
A re o sale a kopile peo ya setsha ka ngwaga wa 2013.
Mme Ntlogelang Magono a re le ene o sale a kopile setsha ka 2013 mme jaanong o ya go nna le sebaka sa go ikagela ntlo ya gagwe.
Kgosi Bokau Tobe o lebogile lekgotla la kabo-ditsha go araba selelo sa morafe wa gagwe a re se ke tsela nngwe ya go oketse ditlhabololo kwa Malwelwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MALWELWE
Event : Tshimolodiso Letsholo
Date : 21 Sep 2022