Lekgotla le rotloeditswe go thusa go tswakanya bojanala
20 Sep 2022
Lekgotla la Chobe Enclave Conservation Trust (CECT) le rotloeditswe go nna le seabe mo go kabakanyeng kgwebo ya bojanala.
Se se builwe ke motshwarelela mothusa mokwaledi mo lephateng la tikologo le bojanala, Rre Boatametse Modukanele kwa phuthegong ya ngwaga le ngwaga ya lekgotla leo kwa Parakarungu ka mafelo a beke.
A re segajaja sa COVID-19 se supile gore bojanala ka nosi bo ka se tshegetse itsholelo go ya go ileng, ka jalo lekgotla la CECT le le itsegeng ka go dira sentle, le tshwanetse go akanya gore kwa ntle ga bojanala le ka dira madi jang.
O kopile gore CECT e seka ya ikganelela fela mo Chobe West mme e leke go tsena mo dikgwebong tse dingwe go anama le lefatshe.
A re tsela e nngwe e CECT e ka dirang madi ka yone ke go ikagela di ofisi tse dikgolwane tse di nang le fa go ka tshwarelwang diphuthego teng, go hirisetsa ba ba nang le di diphuthego le dithuto puisanyo.
Rre Modukanele a re kgaolo ya Chobe e na le mafelo a boroko a mantsi mme CECT e ka lebelela letlhoko la madirelo ao jaaka dijo, nama, merogo le tse dingwe.
A re ka go dira jalo CECT e tlaa bo e dira gore batho ba kgaolo ka bontsi ba bone ditiro le go akola bojanala.
A re ka go dira jalo CECT, e tlaa bo e gata mmogo le Revised Tourism Policy e e fetesitsweng ke palamente ngwaga oo fetileng, maikaelelo e le go atolosa bojanala le go tlhomamisa gore Batswana nna le seabe.
A re mo go tsa letsomo, lekgotla la CECT le leke gore diphologolo tsa lone tsa letsomo di rekwe ke beng gae (Local Professional Hunters) mme ga go sena bape ke gone le rekisitse ba ba tswang kwa ntle.
O ba kopile gape go thusa beng gae go tsena dithutuntsho tsa letsomo.
A re go ba rutuntsha go tlaa bo go sa ree gore ba tlaa neelwa go tsoma mme go tlaa ba fa sebaka sa gore ba ka tsoma gongwe le gongwe kwa ba tlaa bong ba nnile lesego teng.
Rre Modukanele, yo gape e leng mogokaganyi wa Community Based Natural Resources Management (CBNRM), o lebogile ba ba ntseng ba tsamaisa CECT go bo ba ne ba ithaopile go tsamaisa dithoto tsa morafe.
O kopile morafe go nna ka nako tsotlhe ba gakolla lekgotla ka jaana e le la morafe.
A re lekgotla le reetse komiti ya badirela puso ya bogakolodi (Technical Advisory Committee) ka jaana tiro ya bone e le go bona gore tse ba di dirang e le lekgotla ga di ba bee ka fa mosing.
E re ka sebaka sa tiro ya komiti ya CECT se ya bokhutlong, modulasetilo wa TAC, Mme Nobuhle Mbusi o boleletse morafe fa thulaganyo ya ditlhopho tsa komiti e ntsha di setse di simolotse, mme e tlaa re ka Lwetse a le masome a mabedi le bobedi, TAC e ikgaoganye le metse e metlhano ya Chobe Enclave go simolola tiro ya ditlhopho.
O ba kopile go tlhopha baemedi ba ba tlaa berekang sentle le badiredi ga mmogo le one morafe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keamogetse Letsholo
Location : KASANE
Event : Phuthego ya Lekgotla
Date : 20 Sep 2022