Breaking News

Kgokgontsho setlhabi sa sennela ruri

19 Sep 2022

 Go nna le ditshwanelo ga go reye gore ngwana a ipetole a tswe mo tseleng.

Fa a tswa mo tseleng, motsadi o ka mmusetsa ka thupa e seng go mo ngata ka dilo tse di gobatsang jaaka melamu le mabole. Se se builwe ke mogolwane wa lephata la boipelego la khansele-potlana ya Serowe, Rre Maikutlo Ramaselwana kwa thuto-pusanyong kwa Moiyabana bosheng.

Rre Ramaselwana o boletse fa batsadi bangwe ba sa laole bana le ba dira maitseo a a makgasa le botlhokatsebe mo setshabeng ba bolela fa ba tshaba molao wa ditshwanelo tsa bana. A re bangwe jaanong ba kgokgontsha bana.

“Ngwana fa go twe o na le ditshwanelo ga go reye gore a itirelele, o tsenngwa mo tseleng fela ka thupa go mmontsha phoso.’’

O kaile fa kgokgontsho ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi e sa jese diwelang ka e golela pele letsatsi le letsatsi mme go sena tharabololo le mororo bogogi jwa metse bo le teng go ka thusa.

O boletse fa bokapano joo e ne e le go leka go tsenya meno dikomiti tsa magae tse di lwantshang kgokgonthso ya bana. Batho ba metse ya Mogorosi, Thabala, Motshegaletau, Sehunou, Mabuo le Moiyabana ba ne ba tseneletse dithuto tseo ka go lemogilwe fa kgokgontsho ya thubetso, ditieto, go robala le ba masika le ba dingwaga tse di kwa tlase di le magoletsa. A re ba tshwenyegile thata ke kgokgontsho e e diragalang mo metseng eo mme batho ba di bona di diragala go bo go twe ga di nkame, fa bangwe batsadi ba dira ka bomo ka maikaelelo a go gweba ka bana ba basetsana.

O boletse fa melato ya thubetso, go robalana le bana ba masika, dititeo, go robalana le ba dingwaga tse di sa feteng lesome le boferabobedi le go utswa bana di ile magoletsa mo go ngomolang pelo. Rre Ramaselwana a re ba begelwa dikgannyana fela tse di tsenang mo seatleng tsa kgokgontsho, mme fela bontsi jwa tsone ga di goroge kwa go bone. “Ka maswabi mo go jone bonnyennyane joo, dikgang tse di felela di tshololwa mme fa re tlhotlhomisa, go umakwa mabaka a a farologanyeng. Bangwe ba re ba dumalane go agaisanya ntswa molato e ne e le o o masisi,’’ a rialo.

O boletse fa dipalo tsa bana ba ba sa tlhokomelweng sentle ke batsadi di kwadisiwa ka dipalopalo ko lephateng la boipelego.

O boletse fa batsadi bangwe ba nna fela kwa dinotaging ba sena sepe le gore bana ba tshela jang fa bangwe ba rontsha bana tshwanelo ya go tsena sekole le bongwana mme ba siele kwa dipolaseng. Mmaboipelego yo o dirang thata le ditshwanelo tsa bana le go amogela dikgang tsa kgokgontsho mo kgaolong-potlana ya Serowe, Mme Lemogang Ketshabile o boletse fa ngwana a na le tshwanelo ya botshelo go simolola fela mo sebopelong sa ga mmaagwe.

A bolela fa bangwe ba rontsha bana go tshela ka go senya dimpa.

A re ngwana o na le tshwanelo ya go kgalengwa sentle ke batsadi. Mme Ketshabile o boletse fa ngwana a na le tshwanelo ya go reediwa maikutlo a gagwe ke batsadi e bile fa ba dira ditshwetso dingwe mo lwapeng ba tshwanetse go mo rerisa.

O boletse gape gore fa go nang le dikgang tse di amang ngwana di tshwanetse go sekelwa mo sephiring gore le ene a phuthologe go bua ditiragalo.

Mme Ketshabile a re bana ba tshwanetse go sirelediwa ke makalana otlhe mo motseng jaaka kwa sekoleng, bogosi, boipelego le sepodisi.

Fa ba akgela, batsena dithuto ba ngongoregile ka dikgang tsa bana tse di tsayang lobaka go sekwa, ba bolela fa golo moo le gone e le kgokgontsho. Ba re bana ba basetsana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ba ba imileng fa ba ya go ikwadisa kwa kokelong, ba botsogo ba begele ba boipelego gore modiradilo a tshwarwe.

Bangwe ba rile ga go kgokgontshiwe fela bana ba basetsana mo go tlhakaneleng dikobo, ba bolela fa go na le bomme bangwe ba ba tlhakanelang dikobo le basimanyana ba dingwaga tse di kwa tlase.

Ba re batsadi ba ba rontshang bana go tsena sekole ba tseelwe dikgato. Ba boletse gape gore dikgang di a diragala mme batho ba bo ba tshaba go di bega ba re ba tshaba bosupi le go tlhoiwa. Ba boletse fa botlhokatsebe jo bongwe bo dirwa ke batsadi bangwe, bogolo jang bomme ba ba rekisetsang bana ba sekole bojalwa, motokwane le motsoko. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MOIYABANA -

Event : PUISANYO

Date : 19 Sep 2022