Breaking News

Palo ya batho konokono mo kgaoganyong ya dikgaolo

19 Sep 2022

Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Ghanzi Borwa, ba kopile gore e kgaoganngwe gabedi, go tlhagolela kgaolo ya Ghanzi Botlhaba le Ghanzi Bophirima.

Banni ba dirile kopo eo bosheng mo phuthegong le lekoko le le itebagantseng le go sekaseka melolwane ya dikgaolo tsa botlhophi tsa bopalamente kwa Charleshill.

Mongwe wa banni, Rre Thomas Sekepese o ne a re metse ya Tsootsha, Karakubis, New Xanagas, Kole, Charleshill, Makunda, Ncojane le Metsimantsho e ka dira Ghanzi Botlhaba, fa Ghanzi Bophirima e ka akaretsa Chobokwane, Bere, Kacgee, East Hanahai, West Hanahai, New Xade le Central Kalahari Game Reserve(CKGR).

Rre Sekepese o ne a gatelela fa bontsi ba banni ba kgaolo ya Ghanzi Bophirima e le ba letso la Sesarwa, ka jalo, go tla nna bonolo go aga kgaolo ka morafe o kopanetseng ngwao le ditso. O ne a tlatsa ka gore metse ya teng ga e ya katologana mo go kalo kalo, ka jalo, go ka ba tlhofofaletsa go bona ditirelo segautshwane.

Rre Keorapetse Ralehika ene o ne a re CKGR e ntshiwe mo kgaolong ya Ghanzi Bokone, e tsenngwe mo kgaolong ya Ghanzi Borwa ka jaana e le mo tikologong ya metse e e welang mo Ghanzi Borwa.

Rre Oscar Kangoutu ene o ne a gatelela gore kgaolo ya bone e bophara, gape e na le letlhoko la ditsela le ditlhaeletsanyo, ka jalo, mopalamente o retelelwa ke go anamisa ditirelo ka bofefo.

Fa a tswa la gagwe, Mopalamente wa Ghanzi Borwa, Rre Motsamai Motsamai, o ne a gatelela gore palo batho, e tshwanetse go dirwa mo nakong e e lekanetseng, go itsa dipelaelo mo dikgannyeng di tshwana le tsa go kgaoganngwa ga dikgaolo, le tse dingwe tse di amang matshelo a bone.

Banni ba ne gape ba re ba sebete se molangwana ka tshetlana ya go dirisa dipalo, ba supa fa belaela fa palo batho ya bosheng e sa dirwa ka manontlhotlho, ka jaana dipalo tsa bone e se tse di nametsang.

Ba re kgaolo ya bone e dikaganyeditswe ke meraka le dipolasi, mme ka maswabi banni bao, ga ba fitlhelelwa.

Mothusa moeteledipele wa lekoko leo, Rre Thebeyame Tsimako, e ne e rile pele a tlhalosa fa palo ya batho ele konokono mo go diragatseng ditshekatsheko tseo.

Rre Tsimako o tlhalositse fa ba phutha megopolo mo setshabeng mabapi le paakanyetso tshutiso ya Palamente ya go oketsa dikgaolo tsa bopalamente go tswa mo go masome a matlhano le bosupa (57) go ya kwa go masome a marataro le motso (61).

A re batho ba lefatshe leno ba le 2 359 609, mme fa palo eo e kgaogangwa ka dikgaolo di le masome a matlhano le bosupa, go go raa gore mopalamente mongwe le mongwe a lebagane le batlhophi ba ka tshwara 41 396.

A re morago ga palo batho, Palamente e ne ya bona go le maleba go oketsa palo ya dikgaolo tsa botlhophi ka palo ya 41 396 e ka ba rwesa mokgweleo o motona, mme ba retelelelwe ke go isa ditirelo ka manontlhotho. O ne a supa gape fa go sekasekwa dikgang di tshwana le ngwao le ditso tsa banni, ditsela le ditlhaeletsanyo, gammogo le bophara jwa kgaolo.

Rre Tsimako o ne gape a tlhalosa fa go ne ga dumalanwa gore mopalamente a lebagane le kgaolo ya batho ba ka simolola ka 35 000.

A re ka maswabi, kgaolo ya Ghanzi Borwa e kwa tlase ga seelo seo ka palo ya batho ba yone e ka tshwara 25 406. A re ba itemogela gore mo dikgaolong tse dingwe dipalo tsa batho di a hokotsega fa dingwe di oketsega. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : CHARLESHIL

Event : PHUTHEGO

Date : 19 Sep 2022