Ke maikarabelo a puso go tlamela setshaba
19 Sep 2022
Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba Rre Yandani Boko o abetse motlobo wa dibuka wa sekole se se golwane sa Mookane Junior Secondary School dibuka di le lesome, e bong; tse tlhano tsa JCE Integrated Science Revision Manual ke gore ya tsa maranyane)le tse tlhano tsa JCE Mathematics Revision Manual .
Fa a aba dimpho tse, Rre Boko o rotloeditse baithuti ba sekole sa Mookane ba ba dirang lekwalo la boraro go tsaya thuto ya bone ka tlhwaafalo le go tlhwaafalela go itlhokoletsa ditlhatlhobo tsa bone tsa makgaolakgang. A re o ne a bona go le maleba go ba abela dibuka tse le go tla go ba kgothatsa pele ba kwala ditlhatlhobo tsa bone.
Dibuka tse, a re o di abetswe ke mokwadi wa tsone, yo gape e leng moithuti wa pele wa University of Botswana, Rre Antonio Onkarabile gore a di abele sekole se. Ka jalo, o kopile baithuti go di dirisa gore di ba sologele molemo mo ditlhatlhobong tsa bone.
“Go a kgonagala gore lotlhe le fetole seemo sa maduo a lona, ka barutabana ba setse ba dirile gotlhe go le baakanyetsa ditlhatlhobo.
Fa le ka dira sentle go gaisa baithuti ba ba fitileng, ke tshepisa go le direla mokete o motona, go le leboga le go ipelela phenyo ya lona,”ga bua mopalamente.
Mo malebong a gagwe, Mogokgo wa Mookane JSS, Rre Michael David o lebogetse Mopalamente Boko go bo a iphile sebaka go tla go ema baithuti ba sekole sa gagwe ka lefoko la kgothatso pele ba kwala ditlhatlhobo le go abela sekole sa gagwe dibuka, a re seo se ba tiisa moko ka se supa lorato le a nang le lone mo mererong ya tsa thuto.
Mopalamente Boko yo o neng a buisa diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Pallaroad le Mookane bosheng o tlhaloseditse banni gore tiro ya mopalamente, ke go phutha dipotso, matshwenyego le megopolo go tsweng mo setshabeng se a se eteletseng a e isa kwa Palamenteng go ya go tsaya dikarabo le ditharabololo tsa dipotso le matshwenyego.
Megopolo yone, a re mengwe ya yone ke yone e dirisiwang go dira melao e e thusang go tsamaisa lefatshe le go tlhabolola matshelo a setshaba.
Fa a rola pego ya Komiti ya Ditlhabololo tsa Motse wa Pallaroad, Modulasetilo wa komiti Mme Enametse Sebolao o supilwe matshwenyego ka letlhoko la koloi le le kgoreletsang badiri ba boipelego go thusa morafe sentle, bana ba bantsi ba ba sa tlhokomeleseng mo motseng (child negligence), tiriso botlhaswa ya nnotagi le borukutlhi jo bontsi.
Kwa Mookane, Modulasetilo wa Komiti ya Ditlhabololo tsa Motse, Rre Baemedi Mmopi o supile matshwenyego ka diphatlha tse pedi tsa Special Constable le Constable tse di iseng di kabiwe, tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso.
O ne gape a re ba tshwenngwa ke seemo se se sa itumediseng sa boroko jwa badirelapuso, go onala ga ntlwana e go belegisetswang bomme ba ba itsholofetseng mo go yone kwa kokelwaneng, le go tlhoka go ntshafadiwa ga dikago tsa dikole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : PALLAROAD -
Event : Kabo dimpho
Date : 19 Sep 2022