Breaking News

Lesedi o kopana le bogogi jwa kgaolo

18 Sep 2022

Modulasetilo wa komiti ya balemi le barui ya Serowe Borwa Rre Keokgale Okaile o supile matshwenyego ka sebaka se se tsewang ke ba temo- thuo ba ba direlang kwa Sebele go tlhatlhoba mmu le dipeo tsa bone.

Rre Okaile a re ba eletsa gore  ba lephata la temo- thuo ba ka dira thulaganyo ya go dirisa dikompone tse di ikemetseng ka nosi gore ba nolofatse thulaganyo e. O ntshitse matshwenyego a, kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi kwa Serowe bosheng.

Phuthego eo, ene e tsenwe ke magosi, dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, dikomiti tsa balemi le barui ga mmogo le bagokgo ba dikole tsa kgaolo eo.

Rre Okaile o ne a supa gape fa ba tshwentswe ke matamo a a kategelang le a a sa agelelweng mo kgaolong ya bone.

Moemela dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse Rre Terrence Gabanthate, ene o ne a supa fa ba sa itumelele palo ya babereki ba Ipelegeng, a supa fa palo eo e le kwa tlase fela thata, mo go bakang gore ditiro dingwe di tseye lebaka go wela.

Mo go tse dingwe Rre Gabanthate o ne a re ga ba itumelele boitshwaro jwa mapalamente kwa palamenteng,  a re ba lemogile fa ba fetotse palamente kwa ba ikhutsang teng fa ba tlogetse ditiro.

O ne gape a ngongorega ka khansele potlana ya Serowe, a re e tletse tshenyetso setshaba e e ntsi mme e bile dikgang tsa teng di felela mo phefong.

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Boipelego, Mme Janet Kgwadi o ne a akgola puso go bo e tsile ka lenaneo la Ipelegeng, a ba a supa fa dikole tsa bone dile phepha ntateng ya lone. Le fa go ntse jalo, Mme Kgwadi o ne a ntsha matshwenyego ka boitshwaro jwa bana ba sekole, ka jalo a kopa bogogi jwa motse go tshwaragana le bone go aga bana.

E ne e rile go le pele Rre Lesedi a supa fa maikaelelo a phuthego e, ele go lekolana le go lekodisana le balebeledi ba motse ka tse ba di bonang mo kgaolong ya bone.

Rre Lesedi o ne a lekodisa phuthego ka ditshwetso tse palamente  e di tsereng bosheng, di akaretsa go fokotsa lekgetho le le tsenngwang mo dithotong go tswa kwa go 14 per cent go ya kwa go 12 per cent.

O ne gape a supa fa go tserwe tshwetso ya go oketsa dikgaolo tsa bopalamente go tswa kwa go masome a matlhano le bosupa go ya kwa go masome a marataro le bongwe.

A re mo ditlhophong tse di tlang ka ngwaga wa 2024 dikgaolo tsa botlhophi di tlaabo di oketsegile, le fa mo nakong ya gompieno lekoko le le rumilweng go seka seka kgaoganyo e, le ise le tseye tshwetso ya gore go ya go kgaogangwa dikgaolo dife.

Fa a ntsha matshwenyego a gagwe, Rre Lesedi o ne a supa fa a tshwentswe ke tiriso ya ditagi e e tsweletseng ka go ata mo kgaolong ya gagwe le mo lefatsheng ka kakaretso.

Ka jalo a kopa, baeteledipele le batsadi go tsaya karolo mo go netefatseng gore bana ba bone ga ba mediwe ke leruarua le.

O ne a supa gape fa a sa itumedisiwe ke leswe le le mo kgaolong ya gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ka Patricia Speakson

Location : SEROWE

Event : PHUTHEGO

Date : 18 Sep 2022