Breaking News

Sekole sa Serorome se ipelela dingwaga tse di masome a matlhano

18 Sep 2022

Seabe le tshwaragano ya ba tsaa karolo mo thutong ya bana di botlhokwa. 

Popagano ya batsadi, barutabana, tikologo ya sekole, baagisanyi le ditsala di ka kgothatsa baithuti le  go ba kaela mo ditshwetsong di tshwana le go tlhopha se ba batlang go nna sone.

Fa bua kwa moletlong wa go ipelela  dingwaga tse di masome a matlhano tsa sekole se se botlana sa Serorome kwa Palapye ka Labone, Mogolwane wa The Medics Centre Dr Antoinette Boima  o gateletse botlhokwa jwa go nna seopo sengwe go bona gore sekole se alosa baithuti ba tlhwatlhwa.

Dr Boima a re maikaelelo a moithuti a tshwanetse a simolola kwa tlase, a tlatsa ka gore moithuti ga a tshwanela go kgoba kgetsi fela ka tumelo ya gore o tlaa tlhwaafala kwa dikoleng tse di kgolwane.

A re go botlhokwa go simolola motheo wa thuto kwa dikoleng tse di potlana, a gwetlha barutabana le baithuti go lwela go ntsha maduo a a kgatlhang le mafatshe a sele, eseng kgaolo le lefatshe leno fela. Dr Boima o ne a abela  sekole    P10 000.

Mogokgo wa sekole sa Serorome  Mme Kgomotso Kgosiepelo o tlhalositse go re sekole se, se  butswe ka Hirikgong ka 1972 se na le baithuti ba le lekgolo le masome a mane(140) ka matlo a borutelo e le borobabobedi.

Mme Kgosiepelo a re gompieno sekolo se se nale baithuti bale 1 004.

A re le fa  ba na le  tlhaelo ya matlo a  burutelo ba ne ba  tsenya class ya bananyana (Pre class) a tlhalosa gore maikaelelo ke go tsenya ya bobedi.

Mme Kgosiepelo a re sekole sa gagwe se tswa kgakala se dira sentle ka maduo a 70-90 per cent   ABC mo lekwalong la bosupa. 

Moithuti wa pele wa sekole seo yo gape e leng Mopalamente wa kgaolo ya Palapye Rre Onnetse Ramogapi a re o itumelela go bona sekole se tsweletse ka go dira sentle.

Rre Ramogapi o tsweletse ka gore sekole sa Serorome se ntshitse barutegi ba le bantsi ba gompieno e leng baeteledipele ba ba anameng le lefatshe leno ba direla setshaba mo makalaneng ka go farologana.

A re sekole se se tswa kgakala se fenya,a tlhalosa gore ka nako ya bone ba ne ba sa  fenye dithuto fela. O ne a kaya fa ba ne ba fenya mo  moopelong le motshameko wa  kgwele ya dinao.

Rre Ramogapi a re  thuto e santse e le konokono e bile  e na le boleng le mo nakong ya gompieno. A re e lootsa motho gore a kgone go fitlhelela maikaelelo a gagwe a re ba seka ba akanya ka go bona ditiro  fela fa ba fetsa sekolo, mme ba akanye le tse dingwe jaaka go dira dikgwebo.

Rre Ramogapi a re dithuto tsa ditiro tsa diatla di botlhokwa ka  di le bogadi bogaufi.

O bile  a  rotloetsa baithuti ba pele go thusa dikole tsa bone tse dipotlana,a re go le gantsi ba thusa tse dikgolwane.

Modulasetilo wa PTA Rre Gidiun Kwelagobe rotloeditse batsadi go ema nokeng sekole le  go tsena diphuthego.

Rre Kwelagobe a re sekole ga sena madi  mme se na le letlhoko le le ntsi, a tlhalosa gore fa batsadi ka tsaya karolo mo PTA ba ka kgona go lemoga letlhoko la sekolo.

O ne gape a kgothatsa batsadi go rata bana le go ba ema nokeng mo dithutong tsa bone  gammogo le go ba kgalemela fa ba tswa mo tseleng. BOPA

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : PALAPYE

Event : moletlo wa go ipelela dingwaga tse di masome a matlhano

Date : 18 Sep 2022