Breaking News

Rolong Land Board e tla aba ditsha di le 1 784

18 Sep 2022

 Lekgotlana la kabo ditsha ya Rolong kwa Good Hope le gatetse pele mo letsholong la go abela baikopedi ditsha.

Fa a lekodisa babega dikgang mo Gaborone bosheng, modulasetilo wa lekgotlana leo, Mme Gloria Segokgo o ne a supa fa ba ipeetse seelo sa go aba ditsha di le 1 784, mo ngwageng wa 2022, mo seelong se se leng teng mo makgotlaneng a kabo ditsha otlhe.

Se se tla morago ga gore ba lephata la merero ya tsa lefatshe le metsi iphe seelo sa gore ngwaga wa ga goromente fa o wela ka 2023 kgwedi ya Mopitlo ba bo ba abile ditsha di le 100 000.

Mme Segokgo o ne tlhalosa fa lekgotlana la bone le itlamile go  diragatsa karolo ya bone mo maitlamong a lephata a go abela Batswana ditsha ka dipalo tse di rileng.

O ne a tswelela a tlhalosa fa mo nakong eno, ba setse ba abile ditsha di le 630.

O boletse fa kgaolo e ba e abelang ditsha e na le metse e le masome mararo, batho ba le dikete tse di masome mabedi le borataro, mme ditsha tse ba tlaa di segang di le 27 000.

Ka jalo, a re dikopo tse di santseng di eme tsone di 23 000, mme bontsi e le baikopedi ba ba tswang mo mafelong a GaMalete, GaNgwaketse le Kweneng.

Mme Segokgo o ne a supa fa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana leruo le masimo tse a reng di ba direla tiro bokete ka jaana go tshwanetse gore ba sutise masimo le leruo mo motseng.

Se sengwe gape, a re ke kgwetlho e e tlisiwang ke baikopedi ba ba batlang go busa ditsha morago ga  go bewa kwa ba neng ba eleditse teng.

O tlhalositse fa se se kgona go ba busetsa kwa morago ka jaana go sekaseka mealo le go aba ditsha go tsaya nako le madi ma ntsi.

Ka jalo, o ne a gakolola setshaba go itshekatsheka pele ga ba ya go arabela ditsha.

Fa a tswelela, o ne a tlhalosa gape fa ba na le kgwetlho e tona ya madi a ba a kolotiwang ke setshaba.

A re lekgotlana la kabo ditsha la Rolong le kolotiwa madi a kanang ka P10 million, a re ke madi a a ba thusang go dira ditlamelo le go tlhabolola mafelo a peo ya ditsha.

Fa a latlhela la gagwe, mokwaledi wa lekgotlana leo, Rre Sedi Bose o ne a gakolola setshaba go ya go kwadisa ditsha tsa bone pele ga kgwedi ya Phalane e wela, selo se a tlhalositseng e le tsamaiso e e tsamaelanang le molao o mosha wa ditsha tsa legae le nngwe ya paakanyo ya molao o o lebaganeng le ditsha tsa magae.

Rre Bose a re ditlhabololo tse di dirilweng mo molaong wa ditsha tsa magae ke go inaakanya le maitlamo a ga Tautona a go gatela pele le go tlhabolola lefatshe.

O tlhalositse gape gore go kwadisa setsha go ya ka melao e, go tlaa fa beng ba ditsha go phadisana mo mererong ya thekiso ya matlo le dikago ka boleng jo bo eletsegang.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : GABORONE

Event : Phuthego ya babegadikgang

Date : 18 Sep 2022