Puso e dirile go le gontsi go tlhabolola lefatshe- Leuwe
18 Sep 2022
Batswana ba kopilwe go ipelela ditlhabololo tse puso e di tliseditseng fa e sale lefatshe leno le tsaya boipuso.
Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Tshoganetso Leuwe o dirile kopo mo phuthegong ya kgotla kwa Khudumelapye bosheng.
A re jaaka Botswana a tla bo a ipelela boipuso jwa masome matlhano le borataro, Batswana ba tshwanetse go lebogela ditlhabololo le go atamediwa ga ditlamelo.
Rre Leuwe a re banni metse ka go farologana ba na le tse ba di eletsang mo dikgaolong tsa bone, mme puso ga e ka ke ya di kgona tsotlhe, ka gore lefatshe leno le ntshe le aparetswe ke tlhaelo ya madi, bogolo jang morago ga segajaja sa COVID-19.
Mopalamente a re o itse ka selelo sa tsela ya Letlhakeng-Kaudwane, e feta ka motse bone, mme a supa e diiwa ke letlhoko la madi, mme a re o dumela gore fa puso e bona madi, tsela e tlaa diriwa.
O ne a ba gakolola ka lekgotla la bone le jaanong le nang le diofisi le leobo le tlhabolotsweng, se a reng ke sengwe sa dilo tse ba di lebogelang.
Molaodi wa kgaolo ya Letlhakeng, Rre Ronald Masole o ne a tlatsa mopalamente ka go supa fa puso e dirile go le gontsi mo Batswana ba tshwanetseng go go lebogela.
O ne a kopa morafe wa Khudumelapye go tlhaloganya tsamaiso ya lenaneo la ditlhabololo le gone gore ga ba kake ba bona tse ba di batlang ka nako e le nngwe, ka letlhoko la ditlhabololo le ikadile Botswana ka bophara.
Rre Masole a re Batswana ba tshwanetse go leboga Modimo ka kagiso le ledula tse di renang mo lefatsheng la bone. O ne a tlatsa ka gore le fa ntswa go na le tlhaelo ya madi go thusa Batswana ka tse ba di eletsang, puso e dirile go nametsa mme e bile tse dingwe di tla nna di dirwa.
Mo kamogelong ya baeng, Kgosi Mme Tuelo Ramokobetwane o ne a lela ka letlhoko la metsi mo motseng, mme a kopa lephata le le lebanyeng go tsibogela tlhaelo eo.
O ne a re ba kopa gore kokelwana ya bone e bereke bosigo le motshegare go thusa morafe, mme gape ba agelwe ntlo ya pelegi ka dipalo di supa fa morafe o setse o atlile.
Kgosi Ramokobetwane o kopile le gore ba okelediwe baoki ka morafe o sokola, bogolo jang fa ba bangwe ba seyo. O ne kopa thuso go hema seemo sa metsi a a tlalang ko kokelwaneng eo ka nako ya dipula, ka seo se paledisa badiri go thusa balwetse.
Kgosi o ne gape a re tsela e e ba golaganyang le Letlhakeng ga e jese diwelang, mme ba eletsa go bona e tsentswe sekonotere.
O tladitse ka gore letlhoko la boroko jwa badirelapuso le a tshwenya. Mogolwane wa Water Utilities Corporation, Rre Lopang Seporo o boletse fa ba itse tlhaelo ya metsi mo motseng wa Khudumelapye ka jaana ba noswa ke sediba se le sengwefela, mme ba dirile kopo ya madi gore ba gokele motse oo mo didibeng tse dingwe tse pedi.
Rre Seporo o ne a supa fa mo ntlheng e nngwe tlhaelo ya metsi e bakiwa ke gore motse o na le mafelo a a kwa godimo le ko tlase, mme seo se ama motsamao wa metsi.
Mokhanselara wa kgaolwana eo, Rre Osupile Metseebapile o ne o leboga mopalamente go ba lekola le go ba itsise ka melao e mesha e e fetileng kwa palamenteng ya mariga. A re morafe wa kgaolwana ya gagwe ya Khudumelapye/Sesung o lebanwe ke dikgwetlho tsa ditlhabololo, mme ke ngwaga wa boraro ba sa bone madi a dikgaolo gore ba tlhabolole metse ya bone. Rre Metseebapile a re o dumela gore kopo ya bone ya go aga ntlo e tla sekegelwa tsebe go araba selelo sa tlhaelo ya boroko jwa bodiredi. BOKHUTLHO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : KHUDUMELAPYE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 18 Sep 2022