Breaking News

Kamogelo ya magolegwa mo setshabeng e Botlhokwa

18 Sep 2022

Banni ba Serowe ba gakolotswe go tsaya boikarabelo jwa go kgalemela bana ba santse ba le babotlana go itsa gore ba iphitlhele ba le kwa dikgolegelong, ka seo se na le ditlamorago. 

Mothusa Motshwarelela bogosi jwa Gammangwato Kgosi Serogola Seretse o ntshitse kgakololo e kwa phuthegong ya kgotla kwa Serowe bosheng, e maikaelelo a yone e leng go rotloetsa setshaba go thusa le go tlhokomela magolegwa a a feditseng dikatlholo go tswelela ba tshela sentle mo setshabeng.

Kgosi Seretse o ne a akgolela ba lephata la dikgolegelo maiteko a bone a go bopa sesha magolegwa.

 “Bana ba rona fa ba setse ba tswa kwa, re ba amogele ba nne le rona e seka ya nna ekare ke maarogi,” a gatelela jalo.

Moeteledipele wa kgolegelo ya Serowe Rre Andreco Ramokapane  o tsweletse ka go tlhalosa fa ba eletsa go tshwaraganela tiro e le setshaba go itsa dikgang tsa kgethololo.

A re ba ikaeletse go simolola dikomiti mo metseng tse di thusang gore  magolegwa a a feditseng dikatlholo tsa one a tswelele a tlhokomelwa gore a amogelesege.

 Rre Ramokapane o ne a tswelela a tlhalosa fa go fa magolegwa a feditseng dikatlholo dithuso tsa metlhale e e farologanyeng go ya ka matlhoki a bone, go ka ba rotloetsa go tshela botshelo jo bo amogelesegang go sena tlolo molao.

Rre Ramokapane a re maloko a dikomiti tse e tla nna baeteledipele ba motse, dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, makalana a a ikemetseng ka nosi, makgotlana a magolegwa a pele, maphata a puso, dikompone tse di ikemetseng  ga mmogo le moeteledipele wa kgolegelo.

Mothusa moeteledipele wa kgolegelo ya Serowe a lebagane le tsa Tshireletso, Rre Philip Mokoto a re maikaelelo a komiti e, e tlaa bo e le go rulaganya tetlanyo ya badira melato le ba ba diretsweng melato.

O tsweletse ka go kaya fa tiro ya bone e tona e le go rulaganya kamogelo ya magolegwa mo setshabeng.  “Maikaelelo a komiti e re batlang go e simolodisa e, ke go gokaganya mananeo a ba tsaya karolo mo lenaneong la popo sesha ya magolegwa le go boela mo setshabeng,” a bua jalo.

Rre Mokoto o ne a kopa boeteledipele jwa motse gore morago ga go tlhama dikomiti tse, ba nne ba ba laletsa gangwe le gape go tla go rutuntsha dikomiti tse mo go se se solofetsweng mo go bone.

O ne a fa sekai gore ba setse ba simolotse thulaganyo e kwa kgotleng ya Maaloso mme ebile banni ba e amogetse, selo se a reng se ba tiisitse moko.

Rre Mokoto o kaile fa dikomiti tse di thusa gore bana ba ba tswang kwa kgolegelong ba tsamaye ba gololesegile mo metseng ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Patricia Speakson

Location : SEROWE -

Event : phuthego ya kgotla

Date : 18 Sep 2022