Breaking News

Pule o rotloetsa tiriso ya mananeo

18 Sep 2022

Puso e dirile mananeo a a farologanyeng go rotloetsa banana, go balelwa go tlhoma lephata le le ikemetseng la banana le go isa bodiredi jo bo maleba mo maphateng a mangwe.

Se se builwe ke mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule kwa pitsong ya banana kwa Oliphant’s Drift ka Labone.

Rre Pule a re mananeo a tshwana le Tirelo Sechaba, Botswana Government Internship, Youth Development Fund a diretswe go netefatsa gore banana ba tsaya karolo ga mmogo le go ba thusa gore ba tswe mo mebileng.

O tlhalositse fa banana ele konokono ya ditlhabololo le tharabololo ya dikgwetlho tsotlhe tse lefatshe le nang le tsone, ka jalo ba tshwanetse go bona dikgakololo le tse tsotlhe tse ba di tlhokang.

Setlhogo sa pitso eo, sene se re  Tirisano Mmogo ya Batho Botlhe, go Dira Lefatshe le le Siametseng Batho ba Dingwaga Tsotlhe.

 Rre Pule o tlhalositse fa setlhogo se, se gatelela go tirisanyo mmogo go seka-seka dikgoreletsi fa gare ga banana le bagolo.

A re setlhogo se gape, se tlhalosa fa banana ba tshwanetse go ikemela ka dinao, a tlatsa ka gore matshelo a bone ke boikarabelo jwa bone.

O ne a ba gakololola gape go itibela mo malwetsing, go ja sentle, go nna le dikakanyo tse di siameng, a supa fa tse tsotlhe tse di le mo magetleng a bone, a gatelela gore botsogo jwa tlhaloganyo bo botlhokwa.

Rre Pule a re dikgwetlho di dintsi tse di amang banana jaaka malwetsi, letlhoko la ditiro, tiriso ya ditagi le tse dingwe, mme pharologanyo e tona ke go itsetsepela mo tlhaloganyong le maikutlo.

O ne a tswelela a tlhalosa fa maikaelelo a pitso e, e le go arogana maele a botshelo le banana, go reetsa matshwenyego a bone ga mmogo le go tswa ka ditharabololo tse di maleba.

Rre Pule yo gape eleng mothusa-tona wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, a re kgaolo ya Mochudi Botlhaba e na le matlotlo a tlholego a akaretsa mebu e e nonneng, dinoka le tse dingwe tse di ka dirisiwang go itshetsa ka go tlhama dikgwebo.

A re dilo di akaretsa bojanala, thuo ya dihutshane le temo ya merogo ke dingwe tsa dikgwebo tse di ka ntshang maduo mo kgaolong.

Ka jalo o ne a rotloeditse banana go itsheka tsheka, go batla maele le metlhale ya botshelo mo kgaolong ya bone, ba bo ba dirisa dikitso ga mmogo le maranyane go itlhabolola. O kgothaditse banana go dirisana mmogo go tlhabolola kgaolo le lefatshe gore ba tle ba kgone go fitlhelela maikano a ditlhabololo a Vision 2036.  BOKHUTLHO

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : OLIPHANT’S DRIFT -

Event : Pitso ya banana

Date : 18 Sep 2022