Breaking News

Ba lela ka seemo sa ditsela kwa Nhabe

16 Sep 2022

Lephata la ditsela le kopilwe go tsibogela seemo sa ditsela tse di kopanyang metse mo kgaolong ya Nhabe pele ga paka ya dipula e goroga.

Fa ba akgela mo pegong ya modulasetilo wa khansele ya bokone bophirima, makhanselara ba ngongoregile ka seemo sa ditsela, se ba reng se ngomola pelo ntswa kgaolo ya bone e le ya bojanala.

Ba re lephata ga le dire go lekane go tokafatsa ditsela tse di kopanyang metse jaaka ya Shorobe-Khwai, Mohembo-Gudingwa, Nokaneng-Xaixai tse di mo seemomg se se maswe.

Makhanselara a kopile lephata go fefogela go gopa ditsela tseo ba tlatsa ka gore seemo sa tsone se ka koba bajanala fa se sa potlakelwe.

Mokhanselara wa kgaolo ya Qangwa/Xaixai, Rre Lelejwang Sokwe are tsela ya Nokaneng-Xaixai le ya Nokaneng-Shakawe e dirisiwa thata ke bajanala ba ba etelang magaga a Cwhihaba le ba ba tlolelang kwa Namibia ka kgoro ya Dobe. Are ka nako ya dipula, tsela ya Nokaneng-Shakawe e e dirisiwang ke bajanala ba ba tsenang mo makgobokgobong a Okavango e fetoga megobe ntateng ya dikhuti tse di mo go yone. 

Mokhanselara wa kgaolo ya Bojanala, Rre Luke Motlaleselelo o ne a supa fa tsela ya Mohembo-Gudigwa le yone e le borai mo matshelong a badirisi ba yone.

 A re diphologolo tsa naga di gakatsa seemo ka jaana di gobeya mo tseleng mme di felela di baka dikotsi, a tlatsa ka gore se se tlhomolang pelo ke gore beng ba dikoloi ga ba bone dikatso dipe fa diphologolo di ba senyeditse.

O ne a supa sekai ka tiragalo ya bosheng e mo go yone ditlou di neng tsa tlhasela koloi nngwe tsa e thuba, fa tlou nngwe e ne ya tlhasela koloi ya setshaba mme beng ba dikoloi tseo ba dule fela ba iphotlhere.

Rre Motlalelselo a re nako e tsile ya gore lephata le le maleba le sekaseke melawana gore go nne le ditsetlana tse di sireletsang le go atswa bao ba ba senyediteweng ke diphologolo tsa naga.

A re melawana ya gompieno e papametse gore ga e atswe dithoto tse di tsamayang, mme a supa fa e tlhoka go sekwasekwa.

Mokhanselara wa Sankoyo/Shorobe, Rre Oabile Chombo o ne a supa fa tsela ya Shorobe-Khwai e na le dingwaga di le masome a mane e ntse e gopiwa, e tshelwa kerabole . Are tsela eo ga e tsamaege fa dipula di na.

Mokhanselara Motlagomang Mmaochadza  ene o ne a lela ka leswe la lehuti ya matlakala kwa Gumare a kopa gore seemo se potlakelwe ka jaana lehuti leo e le mo matlhong a batho.

Mo dikgannyeng tse dingwe, mokhanselara o o itlhopetsweng, Rre Bareetsi Bogaisang o kopile puso go tsibogela seemo kwa lecheng la Ngami ,are barui ba felelwa ke leruo ka ntlha ya go tshwarwa ke seretse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Phuthego

Date : 16 Sep 2022