Go tlhoka kgosi go ba jesetsa mo kgobedung
14 Sep 2022
Kgosi Selelo Kelebang wa Ditshegwane a re go tlhoka kgosi yo mogolwane kwa motseng oo go ba jesetsa mo kgobedung.
Kgosi Kelebang o buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Tshoganetso Leuwe ka Labobedi kwa Ditshegwane.
Fa e sale Kgosi Steven Morwaanare a tlhokafala dingwaga tse nne tse di fetileng, ga go ise go tlhongwe kgosi yo mosha.
Kgosi Kelebang a re seemo se, se a ba kokonela ka fa mong wa bogosi a seyo, dilo ga di ke di tsamaya sentle.
O kopile mopalamente go ba thusa go rarabolola kgang e, ka motse o tshwanetse wa nna le moeteledipele yo o kayang gore o eletsa morafe wa gagwe o ya kae.
A re le fa a tsweletse ka go thusa morafe kwa kgotleng, nako e tsile gore mong wa setilo a tsee boikarabelo jwa gagwe.
Kgosi Kelebang a re dingwaga tse ba di ntseng ba letile gore go tlhongwe kgosi di dintsi mme nako e gorogile gore motse o nne le kgosi.
Mo go tse dingwe kgosi o ne a leboga ba Botswana Communications Regulatory Authority (BOCRA) ka go ba abela dikhomputara di le tharo mme seo se ba dirile motlotlo f.
A re e ne ya re a itela ba mo reetsa mme ba se ka ba diega go ba thusa, a supa fa le bone ba tlaa dirisa maranyane a segompieno.
Kgosi Kelebang o ne a lela ka tiego ya go baakanngwa ga ntlwana ya boitiketso kwa diofising tsa kgotla, e a reng e tsere lebaka mme a kopa gore puso e tsibogela go ba thusa ka ba a sokola.
Mopalamente wa Takatokwane, Rre Leuwe o supile fa a ne a tsile go ba lekodisa ka melao e mesha e palamente ya mariga e e fetisitseng,
Rre Leuwe a re palamente e fetisitse melao e le lesome le boferabobedi mme go tlaa bo go emetswe Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi gore a e bee monwana gore e tsene mo tirisong.
A re mongwe wa melao e ba e fetisitseng ke wa bobegadikgang gore ba dire tiro ya bone ka tshosologo, ntle le poifo epe mme ba dira jalo ka tlotlo le kelelelo.
Mopalamente a re bobegadikgang bo botlhokwa mo pusong ya batho ka batho mme bo tshwanetse jwa dira tiro ya jone ntle le dikgoreletsi dipe.
Rre Leuwe o ne a bua gape ka molao wa dipeeletso tsa madi a badirelapuso gore ba ka kgona go adima bontlha bongwe jwa madi a bone gore ba dire ditiro tsa bone le go ithusa mo go tse dingwe tsa botshelo mme ba buse madi ao go ya ka ditumalano tse di dirilweng.
A re molao oo, o tlaa thusa badirelapuso go itlodisa dinokana ka nako ya fa ba aparetswe ke mathata jaaka bolwetse jo bo tlhokang madi a mantsi le tse dingwe tse di amang matshelo a bone.
E rile a araba kgang ya ga Kgosi Kelebang ya letlhoko la kgosi yo mogolwane, mopalalmente a supa fa morafe e le one o ka dirang ditumalano tsa gore ba tlhopha mang.
A re kgang e tona ke go dumelana ka leina mme le fetele kwa bogosing jo botona, jone bo tlaa tsaya tshwetso ka lone.
Rre Leuwe o kopile khansele go tsibogela go baakanya ntlwana ya boiteketso ya diofisi tsa kgotla ka jaana go tsere lebaka gore ba thusiwe.
Mokhanselara wa kgaolo, Rre Tsabahule Kgothang a re o maswabi gore go bo go santse go buiwa ka ntlwana ya kgotla ntswa go dumelanwe gore e tlaa baakanngwa ka nako.
A re ba tlaa nna ka tsholofelo ya gore e tlaa re phelelong ba bone thuso.
Rre Kgothang a re ba solofeditswe gore koloi ya kgotla e tlaa ba boela morago ga gore e tsewe ke ba ofisi ya Letlhakeng.
O lebogetse mopalamente go lekodisa morafe wa Ditshegwane ka melao e mesha le go ba lekola, ka seo se ba thusa go bua tse di ba amang le go bona tlharabololo ya mathata a motse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : DITSHEGWANE
Event : Phuthego
Date : 14 Sep 2022