Tlhaelo ya madi ke mmaba
14 Sep 2022
Go tlhaela ga madi go kgoreletsa puso go diragatsa ditlhabololo tsotlhe tse di eleditsweng kgotsa di solofetswe mo metseng.
Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Simon Moabi fa a ne tsibogela matshwenyego le dikopo tsa banni ba Masukwane, Pole le Kalakamati mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng eo ka Mosupologo.
Rre Moagi o tlhaloseditse banni fa puso e tshwere phage ka mangana, ka fa e santse e ikaeletse go diragatsa ditlhabololo dingwe, go tlhagoga malwetse mme e bo e tlamega go faposetsa madi kwa ntweng kgatlhanong le one.
Le fa go ntse jalo o ne a tshepisa fa ofisi ya gagwe e tlaa rebolela metse eo ka bongwe ka bongwe madi a a ka tshwarang P 370 000 go tswa mo letloleng la madi a a abelwang dikgaolo, a supa fa metse eo e tlaa a dirisa go aga maobo a kgotla kwa Masukwane le Pole le go aga ntlo ya LA2 kwa Kalakamati.
Mopalamente Moabi o ne a rotloetsa setshaba go tsosolosa mowa wa boipelego go itirela ditlhabololo dingwe mo metseng kgotsa ba dirisa dikitso tsa bone go leka go ntshafatsa dikago dingwe mo metseng ya bone.
O ne a tshepisa banni ba metse eo, fa a tlaa fetisetsa dikopo dingwe tsa bone kwa go lebaneng, a re ba nne ka tsholofelo ka jaana fa seemo sa madi se ka letla, ditlhabololo dingwe tse di saletseng kwa morago di tlaa dirwa.
A re puso e sekegela tsebe dikeletso tsa Batswana.
Mo go tse dingwe, Rre Moabi o ne a gakolola batsadi go kgalemela bana fa ba belaela dikgato tsa bone, a re le ntswa go nna go supiwa Batswakwa ka menwana mabapi le borukutlhi, bana ba mono le bone ba na le seabe.
A re go mo maruding a batsadi go botsolotsa bana kwa ba tsayang madi teng, fa ba ka lemoga ba tlatsa dithoto mo matlong mme ba sa bereke.
Rre Moabi o ne a supa fa puso e rotloetsa Batswana go tlhoafalela temo, a re ke ka moo e neng ya tsaya tshwetso ya go thibela dithoto dingwe go tsena mono go tswa kwa ntle, gore Batswana e nne bone ba di lemang le go di rekisa mono.
A re go tlhoafalela temo ga bone, go ka dira gore ba kgone go ntsha dijo tse di lekaneng go jesa tshaba ya lefatshe leno mme go bo go fokotsa le gone go ikaega ka dithoto tse di tswang kwa mafatsheng a sele.
Banni ba Masukwane, Pole, le Kalakamati ba ne ba itela ka dilo di akaretsa go sekasekwa ga go oketsa dikatso tsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse.
Ba ne gape ba kopa gore dikomiti tsa batsadi le barutabana di atswiwe ka le tsone di dira namane e tona ya tiro, ba bo ba kopa puso go oketsa lemme la la Ipelegeng le go oketsa palo ya babereri ba lenaneo leo.
Mangwe a matshwenyego a banni e nnile boroko jwa badiralapuso, ba kaya fa bangwe ba tlhakanela matlo fa bangwe ba theogela ba tswa kwa ntle ga metse eo.
Mme Nani Malipiti wa Masukwane o kopile gore madi a bagodi a okediwe, a re go ka thusa go fokotsa dipalo tsa bagolo mo Ipelegeng.
E ntse e le kwa Masukwane, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Thabang Moipolai o ne a leboga bodiredi le barutabana ba sekole se sebotlana sa motse oo, a re mo dingwageng tse pedi tse di fetileng ka go tlhomagana, ba ne ba ntsha maduo a a itumedisang.
Rre Moipolai o ne a leboga puso ka go boloka matshelo a tshaba ya lefatshe leno ka mekento ya COVID-19, a bo a lebogela go bo motse wa bone o filwe lepodisi la maemo a sergeant.
Kwa Pole gone modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Dolly Ndodana o ne a kopa gore ba agelwe letamo le le golwane, le le ka tshwarang metsi ka boleenyana.
Rre Ndodana o boletse gape fa go tlhoka mapodisi mo motseng wa bone go tshwenya.
A re ba ikaegile ka ba Mosojane le Masukwane mme go ba baya ka fa mosing ka jaana dirukutlhi di senya ka tshosologo ba itse fa go sena mapodisi mo motseng.
Kwa Kalakamati gone, Kgosi Jenamiso Tshupoeng o ne a lekodisa mopalamente ka kgang ya molelwane magareng ga bone le Sekakangwe, a re ba ne ba tshepisiwa fa go ajwa ga ditsha kwa sekiding seo mmogo le go gololwa ga maduo a palo batho mo metseng ya bone go tlaa nama go sa dirwa go santse go emetswe tharabololo ya kgang eo.
Ka jalo, Kgosi Tshupoeng a re ba makadiwa ke go bo bosheng go nnile le peo ya ditsha koo, e bile maduo a palo-batho a golotswe mme ba ise ba itsesiwe sepe ka kgang eo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Kalakamati, Mme Temana Ramokate ene o ne a ikuela ka go tlhoka matlo a boroko jwa baithuti kwa sekoleng se segolwane sa Maenjane, se se kwa Sekakangwe, a tlhalosa fa go sokodisa baithuti ba ba tswang kwa Mbalambi le Kalakamati.
A re o dumela fa bana ba ka ntsha maduo a a botoka fa ba ne ba tsena sekole gaufi.
Mme Ramokate o ne gape a kopa gore kokelwana ya bone e godisiwe go nna kokelo, a bo a kopa le koloi ya balwetse.
E ntse e le kwa Kalakamati, Rre Gift Otumile, o ne a supa badirepuso ka monwana, a re ga ba ke ba ipha nako ya go ba etela go ba tlhatlhelela ka ditirelo tsa maphata a bone.
A re ba bonala fela fa ba tla diphuthegong tsa mopalamente kgotsa matona a puso BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUKWANE
Event : Phuthego
Date : 14 Sep 2022