Go gopola ba ba ikgapetseng botshelo go botlhokwa
14 Sep 2022
Go gopola ba ba ikgapetseng botshelo le ba ba falotseng go ikgapela botshelo go botlhokwa ka go tiisa maikutlo a ba ba latlhegetsweng.
Moruti Mokgweetsi Kgapo wa kereke ya United Congragational Church of Southern Africa kwa Mahalapye o buile jaana bosheng fa a kgothatsa ka letsatsi la segopotsong sa ba ba tlhokafetseng ka go ikgapela botshelo le go thibela ba ba nang le dikakanyo tseo go di diragatsa.
Moruti Kgapo o tlhalositse fa bontsi jwa batho ba ba ikgapelang matshelo e se gore ba dira ba rata, a re ba abo ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya maikutlo.
O gakolotse setshaba gore fa motho a kotlometse maikutlo, o tshwanetse a tsaya kgato go batla ba ba ka thusang.
A re setshaba se tshabele kwa Modimong gore matshelo a bone a fetoge ba bo ba tshele lebaka le le leele.
Moruti o kgothaditse setshaba go nna le tsholofelo, gore ba nne le kagiso mo moweng.
Mme Dimpho Koolebogile, yo e leng mooki wa botsogo jwa tlhaloganya, a re maikaelelo a letsatsi leo ke go abelana le setshaba molaetsa mogolo wa monongwaga, ka go botlhokwa go tlhalosetsa batho ka kgang e.
Mme Koolebogile o tlhalositse fa ba tsile go gopola le go tlotla ba-tswa setlhabelo ba ba neng ba falola ka gore batho bao ba iphitlhetse ba na le kgatelelo ya maikutlo ba sena kagiso.
O supile fa ba gopola malwapa a ba-tswa setlhabelo ka gore go ikgapela botshelo go ama mongwe le mongwe, ka jalo malwapa a tlhoka go neelwa tsholofelo.
Mme Koolebogile a re maikaelelo a bone ke go lemotsha setshaba botlhokwa jwa botshelo.
O gakolotse gore batho ba ba nang le dikakanyo tsa go ikgapela botshelo ba isiwe kwa go tshwanetseng teng gore ba thusiwe.
O boletse fa ba ikaelela go lemotsha setshaba gore dithuso di teng, go na le makalana, baruti le kwa ba ka bonang thuso teng jaaka dikokelo.
Rre Tumisang Masheleng yo e leng ngaka mo kokelong ya Mahalapye, o tlhalositse fa go ikgapela botshelo go bakwa ke go tlhoka tiro, go latlhegelwa ke mokapelo kana go tlhalwa ke yo o tshelang le ene, malwetse a a se nang tharabololo, go sa thusege mme o imelwa ke mathata a botshelo le go kojwa mo tirong ka tshoganetso o bo o sala o sena tsholofelo gammogo le go sa itekanela sentle mo tlhaloganyong.
Rre Masheleng a re batho ba tshwanetse ba ela tlhoko gore ba ba tshelang le bone ba fetola ka fa ba dirang dilo ka teng.
A re batho ba tshwanetse go botsana matsogo, mme fa ba lemoga diphetogo, ba kope thuso mo go ba booki.
O gakolotse gore batho ba isiwe kwa go ba boipelego go sidilwa maikutlo le go ya kokelong go amogela dithuto tsa botsogo gore ba kgone go itekanela mo tlhaloganyong go hema go ikgapela matshelo.
Fa a tswa la gagwe, mongwe yo o falotseng mo go ikgapeleng botshelo, o tlhalositse fa go ikgapela botshelo e se selo se se motlhofo.
A re fa motho a tsaya tshwetso eo, o a bo a sa leke go utlusa ope botlhoko mme a leka go tswa mo mathateng a a senang tharabololo ya one e bile a mo imetse.
O tlhalositse fa motho yo o nang le dikakanyo tsa go ikgapela botshelo a supa ka ditsela tse di farologanyeng mme a kopa setshaba go nna kelotlhoko mo go ba ba tshelang le bone gore ba somarele matshelo a bone.
O tlhalositse fa a ne a leka go ikgapela botshelo gabedi mme a falola ka a ne a isiwa kwa bongakeng ka bofefo.
O gakolotse setshaba go ema nokeng batho ba ba gateletsweng ke maikutlo a bo a ba ruta le gore ba ka ba lemoga jang gore ba boloke matshelo.
A re batsadi ba ele tlhoko ka fa ba tshelang le bana ka teng le ka fa ba ba buisang ka teng go itsa kgatelelo ya maikutlo.
O boletse fa go ineela mo Modimong le go amogela gore o bokoa mo tlhaloganyong, go thusa gore motho a fole ka bofefo.
Pego go tswa kwa kokelong ya Mahalapye e supile fa go tswa ka 2020 go fitlha 2022 go na le batho ba le masome mararo le borataro ba ba falotseng mo go ikgapeleng botshelo kwa kgaolong ya Mahalapye.
Pego e supile fa ka ngwaga wa 2020 ba ne ba kgona go somarela matshelo a le lesome le botlhano, ka 2021 a le some, ka 2022 a le lesome le bongwe mme bontsi e le borre.
Se se supa tsholofelo le gore go na le tharabololo.
Pego go tswa kwa mapodising a Mahalapye e supa fa batho ba le 12 ba ne ba ikgapela matshelo go tswa ka ngwaga wa 2020 go fitlha 2022.
Ka ngwaga wa 2020 ba ne ba latlhegelwa ke matshelo a batho ba le batlhano, ka 2021 ba le bararo fa 2022 ba nnile bane mme go supa fa botlhe e le borre ba ba ikgapetseng botshelo ka ditsela tse di farologanyeng
Segopotso se, se ne se ipelelwa ka molaetsa o o reng: Go Tlisa Tsholofelo Ka Go Tsaya Kgato.
Go ne ga tshujwa kerese ya tsholofelo, e le sesupo sa go ema nokeng ba ba neng ba kgona go falola, le go gopola ba ba latlhegetsweng ke botshelo ka go bo ikgapela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego
Date : 14 Sep 2022