Breaking News

Maduo a dikole ga a jese di welang

14 Sep 2022

Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere o supile fa a sa itumedisiwe ke maduo a baithuti mo dikoleng  tsa kgaolo ya gagwe.

O tlhalositse jaana mo leetong la go lekola dikole tsa kgaolo le a le simolotseng kwa dikoleng tsa Ngakaagae le Frederick Maherero ka Mosupologo tse a tlhalositseng fa maduo a tsone a se mantle gotlhelele.

Maikaelelo a go etela dikole ke go rotloetsa baithuti le barutabana jaaka go atumelwa ditlhatlhobo tsa bofelo tsa ngwaga.

O tlhalositse fa a kile a etela dikole tse dingwe ngwaga o o fetileng mme ka pitlagano ya nako a ne a sa kgona go di lekola tsotlhe, a supa fa tse a neng a di etetse maduo a tsone a  tokafetse.

A re gore maduo a tokafale ke gore go rotloediwe barutabana, ka gore fa go sa nna jalo go ya go itshupa mo maduong a baithuti.

A re baithuti le bone ba na le seabe, ka gore fa ba sa rotloediwe ga ba na go dira sentle.

Mopalamente a re o dirile maitlamo a go akgola sekole, morutabana le bathuti ba ba dirileng sentle, ka moo a solofela gore maduo a tlaa tlokafala.

O tlhalositse fa ba beile seelo sa 90 per cent  gore dikole tsotlhe mo kgaolong di mo fitlhelele.

O ne a supa fa a itse gore go na le tlhaelo ya didirisiwa mo dikoleng.

A re  tsholofelo ke gore maduo one a tokafale le ntswa dikgwetlho di le teng ka gore dikole tse dingwe di kgona go iteka di ntse di na le mathata.

“Go a kgonagala gore le fitlhelele maitlamo a lona, ke le eleletsa masego le matlhogonolo mo ditlhatlhobong tsa bofelo, a re itekeng,” Rre Tshere a kopa.

Ngwaga o o fetileng sekole se sebotlana sa Tshikinyega se ne se di gaisitse tsotlhe mo kgaolong.

Fa ba ntsha la bone, barutabana ba sekole sa Ngakaage ba supile batsadi ka monwana ba re ga ba tsenye letsogo mo tirong ya bana.

Kwa Frederick Maherero ba akgotse mogopolo wa dietsele, ba supa fa o tlaa kgothatsa barutabana ga mmogo le baithuti.

Ba kopile gore seemo sa tlhaelo ya dibuka se baakanngwe ka go fa baithuti  ba lekwalo la botlhano go ema ka la bosupa dibuka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : MAHALAPYE

Event : Maduo a ditlhatlhobo

Date : 14 Sep 2022