Breaking News

Boko o kopela mapalamente a Mahalapye tlhopho

14 Sep 2022

Banni ba Mahalapye ba kopilwe go busetsa borre David Tshere le Yandani Boko gape kwa palamenteng ka ditlhopho tse di tlang.

Moeteledipele wa Umbrella for Democratic Change (UDC), Advocate Duma Boko o kopile jaana fa a buisa phuthego ya phatlalatsa kwa Mahalapye ka Tshipi.

Rre Boko o ne a tlhalosetsa phuthego eo gore ya gagwe tiro e ne e le go tlhotlhoma le lefatshe a tlhomamisa gore ba mmogo, ba kitlane e bile ba  a gakololana, gore puso e e tlang e nne ya bone.

O kopile banni ba Mahalapye go tlhopha UDC, a gatelela gore Batswana ba tlhoka go namolwa mo lehumeng.

Phathi ya UDC, a re e tsaya Batswana ka tlhoafalo, ka e lemoga fa ba tlhoka go fetola matshelo a bone.

Rre Boko o supile fa maitlamo a UDC e le go amogedisa bagodi P1 500, baithuti ba dikole tsa ithutelo ditiro P2 500, badirelapuso ba dituelo tse di kwa tlase madi a a seng kwa tlase ga P3 000, go abela moithuti mongwe le mongwe tablet le go tlhamela banana ditiro.

Morago ga go tlogela ditiro ka bogodi le go direla puso dingwagangwaga, a re bangwe ba badirela puso ba pele ba tshelela mo lehumeng fa bangwe ba setse ba bereka Ipelegeng.

Moeteledipele wa diphathi tsa kganetso, gape e le Mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima, Rre Dithapelo Keorapetse o solofeditse fa phathi ya UDC e tsile go fitlhelela maitlamo otlhe a yone fa Batswana ba ka ba fa sebaka sa go busa.

Rre Keorapetse a re santlha, UDC e tsile go netefatsa gore e thiba diphatlha tsotlhe tse madi a mantsi a ntseng a dutla ka tsone gore a kgone go dirisiwa sentle mo tlhabololong ya lefatshe le matshelo a setshaba.

Mangwe a madi a re a senyega ka go tlhoka go phuthwa sentle ga lekgetho le go tlhoka go dirisiwa sentle ga madi a a tshelwang mo go tlhabololeng le paakanyo ya dikago, ka go felela go dirisiwa madi a a fetang a a neng a abetswe ditiro tseo kwa tshimologong.

“Umbrella for Democratic Change e ya go thiba diphatlha tsotlhe tse go tweng madi magwe a tsena ka motlhobodika ngwaga le ngwaga.

Re ya go netefatsa gore madi ao a boela mo letloleng la puso, ga a latlhege ka tshenyetso setshaba,” ga tlhalosa Rre Keorapetse. 

Fa a ntsha la gagwe, Rre Tshere o lebogetse Adv. Boko go mo ema nokeng, gammogo le banni ba Mahalapye go bo ba ne ba mo tlhopha go nna mopalamente mo ditlhophong tse di fetileng, mme a ba kopa go mo tlhopha gape mo go tse di tlang.

Mo godimo ga moo, Rre Tshere o ne a kopa baeteledipele ba UDC le maloko go nna madibela tlhopho ya phathi ya bone.

Mo go tse dingwe, Rre Tshere o supile matshwenyego ka go phatlaladiwa ga dikomiti tsotlhe tsa palamente pele ga tse disha di tlhophiwa.

A re go dira jalo ga go a siama.

A re palamemte e tswetswe, jaanong nako e dikomiti di kabong di bereka jaanong di emisitswe, ntswa dikomiti tsa palamente tse di ntseng di le teng, di kabo di ne tsa tlogelwa gore di name di tshwere go fitlhela tse disha di tlhophiwa.

Phuthego e, e ne e tsenwe gape ke mapalamente a Palapye, Nkange le Mahalapye Botlhaba, e bong, Rre Onneetse Ramogapi, Dr Never Tshabang le Rre Yandani Boko, ka go latelana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego

Date : 14 Sep 2022